Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Jakobe 3:2 - Setswana 1970

2 Gonne rona rotlhe re fosa gantsi. Fa mongwe a sa fose mo puong, yoo e a bo e le monna wa botlalo yo o nonofileng go laola le ona mmele otlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Fa motho le fa e le mang a ka kgona go laola loleme lwa gagwe, go supa gore o na le thata ya go ikgapa ka ditsela tsotlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Gone re khocoa rotle mo liloñ li le lintsi. Ha moñue a sa khocoe mo lehukuñ, eo ki mothu oa botlalo, mi o nonohile go thiba le mele otle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Gonne re tle re kgopise rotlhe mo dilong di le dintsi. Fa mongwe a sa kgopise mo puong, yoo e be e le motho yo o itekanetseng, yo o nonofileng go kganela le one mmele otlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Jakobe 3:2
29 Iomraidhean Croise  

“E re fa ba go leofela – kana ga go na motho yo o sa leofeng! – mme o ba galefela, o ba neela mo diatleng tsa mmaba, mme bathopi ba bone ba ba isa mo botshwarong kwa lefatsheng la mmaba le le kgakala gongwe le le gaufi;


“E re fa ba go leofela – kana ga go na motho ope yo o sa leofeng! – mme o ba galefela, o ba neela mo diatleng tsa mmaba, mme bathopi ba bone ba ba isa mo botshwarong kwa lefatsheng le le kgakala gongwe le le gaufi


Kana o losa mowa wa gago le Modimo, fa o ntsha mafoko a a ntseng jalo mo molomong wa gago!


Motho ke ofe yo o eletsang bophelo, a rata bontsi jwa malatsi gore a tle a bone molemo?


Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng Jeduthune, moopedisi.


Bontsi jwa mafoko ga bo tlhoke boleo, mme yo o itshwarang molomo o botlhale.


Yo o disang molomo wa gagwe o ipolokela bophelo; mmalabadi o tla wela theregong.


Ke mang yo o ka reng: “Ke tlhapile pelo, ke itshekile, ga ke na boleo”?


Yo o disang molomo wa gagwe le loleme lwa gagwe o iphemela gore a se tsene mo ditlalelong.


Gonne ga go na motho ope mo lefatsheng yo o siameng, yo o dirang molemo, a sa leofe.


Re ne ra nna rotlhe jaaka yo o sa itshekang; ditiro tse di siameng tsotlhe tsa rona tsa nna jaaka diaparo tse di maswe; ra omelela rotlhe jaaka matlhare. Molato wa rona wa re gogola jaaka phefo.


mme e re moperesiti a sekaseka, a fitlhela mo letlalong la gagwe go le dibata tse ditshweu tse di leoto fela, gona e tla bo e le motshwa fela o o duleng mo letlalong; motho o itshekile.


Lotsalo lwa dinoga ke lona! Lo ka bua jang tse di molemo lo le bosula? Gonne molomo o bua tse di tletseng mo pelong.


Gonne o tla kaiwa mosiami ka mafoko a gago, gongwe o tla bonwa molato ka mafoko a gago.”


jaaka go kwadilwe ga twe: “Ga go ope yo o siameng, le e seng a le mongwe fela.


Jaanong ke fitlhela molao mo go nna wa go re: E a re fa ke rata go dira molemo, bosula bo nne teng mo go nna.


Mme ke katisa mmele wa me, ke a o laola, e se re gongwe nna ka latlhega, ke sena go rerela ba bangwe.


Mme Lokwalo lo golegeletse botlhe mo boleong gore ba ba dumelang ba newe tse ba di solofeditsweng ka go dumela mo go Jesu Keresete.


gonne nama e eletsa tse di tlhabanang le mowa, le mowa o eletsa tse di tlhabanang le nama; dilo tse, di emelelanye gore lo se ka lwa dira tse lo di ratang.


Ke ene yo re mo rerang ka go kgothatsa le go ruta motho mongwe le mongwe ka botlhale jotlhe gore re emise motho mongwe le mongwe a tletse mo go Keresete.


Epafera o a lo dumedisa, yo e leng wa ga lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, yo o ntseng a lo tlhabanela ka gale ka merapelo ya gore lo eme mo thatong yotlhe ya Modimo ka botlalo le ka tlhomamo;


a o lo nonotshe mo go sengwe le sengwe se se siameng gore lo dirafatse thato ya ona o o dirang mo go lona se se o kgatlhang ka Jesu Keresete; a kgalalelo e nne ya gagwe ka bosakhutleng! Amen.


Mme fa mongwe a itlhoma a direla Modimo, a ntse a sa thibele loleme lwa gagwe, mme a tsietsa pelo ya gagwe, tirelo-Modimo ya motho yoo ke ya lefela.


Mme tlhomamo e tshwanetse go nna le tiro e e tletseng gore lo nne botlalo, lo itekanele, lo se tlhaele mo go sepe.


Gonne le fa motho a ka tshegetsa molao otlhe, mme a tlola taolo e le nngwe fela, o molato mo go ona otlhe.


Gonne “Yo o ratang go itumelela bophelo le go bona malatsi a a molemo, a a thibele loleme lwa gagwe mo bosuleng, le molomo wa gagwe gore o se ka wa bua tsietso.


Mme Modimo wa bopelotlhomogi jotlhe o o lo bileditseng kgalalelong ya ona e e sa khutleng ka Keresete, e tla re lo sena go boga sebakanyana, o lo dire botlalo, o lo tiise, o lo thatafatse, o lo tlhomamise.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan