Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Jakobe 2:1 - Setswana 1970

1 Ba ga etsho, lo se ka lwa kopanya tumelo ya go dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete wa kgalalelo le go gobelelela batho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Bakaulengwe ba ba rategang, lo ka re lo ba Morena Jesu Keresete Morena wa kgalalelo jang, fa lo supa kgethololo ka go ja le bahumi fela lo lebela bahumanegi kwa tlase?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 BAKAULEÑUE ba me, a loa ipobola tumelo ea ga Yesu Keresete, Morena oa khalalelo, ka lo tlaola bathu?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Bagaetsho, lo se ka lwa pataganya go dumela ga lona mo go Morena wa rona Jesu Keresete, Morena wa kgalalelo, le go tlhaola batho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Jakobe 2:1
29 Iomraidhean Croise  

Jaanong he, lo nne ba ba boifang Morena, lo dire ka tlhokomelo; gonne mo Moreneng, Modimo wa rona, ga go na tshiamololo le e seng go gobelelela motho le e seng go tshola thelesetso.”


Diane tse di latelang fa le tsona ke tsa batlhalefi: Go gobelelela motho mo tshekong ga go a siama.


Go gobelelela motho ga go a siama. Monna o ka tlogela tshiamo le ka ntlha ya thathana ya bogobe fela.


“ ‘Lo se ka lwa dira tse di sokameng mo tshekong; o se ka wa gobelelela yo mmotlana le e seng go tlotla yo mogolo, mme o atlhole mongwe-ka-wena ka tshiamo.


Ba roma barutwa ba bone kwa go ene, ba na le ba ga Herote, ba re: “Moruti, re itse gore o boammaaruri, o bile o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri, o sa re ope sepe; gonne ga o gobelelele motho.


Ke fa Petoro a tswa molomo a re: “Ammaaruri, ke lemoga gore Modimo ga o gobelelele motho;


ka supa mo Bajuteng le mo Bagerikeng ka ga tlhabologelo Modimong, le tumelo ya go dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete.


E rile morago ga malatsi mangwe Felekise a tla le Durusila, mohumagadi wa gagwe wa Mojuta; a bitsa Paulo, a mo reetsa, a bolela ka ga tumelo ya go dumela mo go Keresete Jesu.


Ene a re: “Banna ba ga etsho le borra, reetsang! Modimo wa kgalalelo o ne wa bonala kwa go rraetsho Aborahame, a le kwa Mesopotamia, a ise a age kwa Harane,


gonne ke tlhologeletswe go lo bona gore ke lo abele neo nngwe ya Mowa, lo tle lo tiisiwe;


jo bo neng bo sa itsiwe ke ope wa balaodi ba lefatshe leno; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba sa bapola Morena wa kgalalelo.


Lo se ka lwa gobelelela ope mo tshekong, lo reetse yo mmotlana fela jaaka yo mogolo, se boifeng ope. Gonne Modimo o batla tshiamo. Mme kgang e e lo palelang lo e tlise go nna gore ke e utlwe.’


O se ka wa sokamisa katlholo le e seng go gobelelela motho le e seng go rekwa ka thelesetso; gonne thelesetso e fatlha matlho a batlhalefi, e sokamisa mafoko a basiami.


ka re utlwile ka ga tumelo ya lona ya go dumela mo go Keresete Jesu, le ka ga lorato lo lo ratang baitshepi botlhe ka lone,


o ntse o na le tumelo le segakolodi se se se nang molato, se batho bangwe ba se latlhileng, mme ba senyegelwa ke tumelo,


Ke go laya fa pele ga Modimo le Keresete Jesu le baengele ba ba tlhaotsweng gore o tlhokomele dilo tseo; o se ka wa atlhola o ise o tlhotlhomise, o se dire sepe ka go gobelelela motho.


Nna Paulo, motlhanka wa Modimo le moapostolo wa ga Jesu Keresete ka ntlha ya tumelo ya batlhaolwi ba Modimo le ka ntlha ya kitso ya boammaaruri jo bo isang mo poifong-Modimo


re ntse re lebeletse lesego la tsholofelo le ponatshego ya kgalalelo ya Modimo o mogolo le ya ga Keresete Jesu Morepholosi


Ke ene marang a kgalalelo ya ona le setshwano sa bodimo jwa ona, o tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la thata ya gagwe; ya re a sena go dira phepafatso ya dibe, a nna ka fa letsogong le le jang la Borena kwa magodimong,


re lebile Jesu, mosimolodi le mofetsi wa tumelo, yo o neng a itshokela sefapaano boemong jwa boitumelo jo bo mo lebanyeng, a nyatsa ditlhong, a ba a nna ka fa ntlheng ya le le jang ya sedulo sa bogosi sa Modimo.


Ba ga etsho ba ba rategang, lo se ka lwa timela!


Ka moo, ba ga etsho ba ba rategang, a motho mongwe le mongwe a akofe go utlwa, a iketle go bua, a iketle go galefa.


mme fa lo tlhokomela yo o apereng seaparo se sentle lo re: “Wena nna fa bonnong jo bontle,” mme lo raya mohumanegi lo re: “Wena ema foo, gongwe o nne fa fatshe fa sebeong sa me sa dinao,”


Mme fa lo gobelelela batho, lo dira boleo, lo supediwa ke molao gore lo batlodi.


Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo, ga ntlha ke jo bo boitsheko, bo bile bo kagiso, bo bonolo, bo a rapelesega, bo tletse kutlwelo-botlhoko le maungo a a molemo, bo se na kgobelelo le boitimokanyo.


Nna Simone Petoro, motlhanka le moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela ba ba neilweng tumelo ya botlhokwa jaaka rona ka tshiamo ya Modimo wa rona le ya Mopholosi Jesu Keresete:


Bao ke bangongoregi ba ba galalang tse ba di newang, ba ba tsamayang ka fa dikeletsong tsa bone; le gona melomo ya bone e bua mafoko a bodipa, ba ntse ba tlakisa batho go ipatlela thuso.


Foo go batlega boitshoko jwa baitshepi ba ba tshegetsang ditaolo tsa Modimo le tumelo mo go Jesu.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan