Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Jakobe 1:8 - Setswana 1970

8 ka e le monna yo o pelo-pedi yo o akgaakgegang mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Monona eo maitlomo ma tu ga a na tlomamo mo mekhueñ ea gague eotle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 e le motho yo o maikutlo mabedi, yo o akgaakgegang mo mekgweng yotlhe ya gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Jakobe 1:8
13 Iomraidhean Croise  

Mme Elia a atamela batho botlhe, a ba botsa a re: “Lo tla nna dimao tse di ntlha-pedi go fitlha leng? Fa Modimo e le Morena, mo saleng morago; mme fa e le Baale, mo lateleng!” Mme batho ba se ka ba mo araba sepe.


Ba ne ba boifa Morena, ba bile ba direla medimo ya ga bone ka fa mokgweng wa ditšhaba tse ba neng ba hudusitswe mo go tsona.


Ditšhaba tseo tsa nna tsa boifa Morena, tsa ba tsa nna tsa direla medimo ya diseto ya ga bone. Le bana ba bone le bana ba bana ba bone ba dira le kajeno jaaka go dirile borraabo.


Ba ba pelo-pedi ke ba tlhoile, mme molao wa gago ona ke a o rata.


Morena o buile a re: “E re ka batho ba, ba nkatamela ka melomo, ba ntlotla ka diteme fela, mme dipelo tsa bone di le kgakala le nna, le go mpoifa ga bone e le molao o ba o rutilweng ke batho fela:


Ba pelo pedi. Jaanong ba tla otlwa. Morena o tla phatlakanya dialetare tsa bona, a senya majwe a a motloutlo a bona a kobamelo.


“Leitlho ke lobone lwa mmele; ka moo, fa leitlho la gago le siame, mmele otlhe wa gago o tla sedifala.


“Ga go ope yo o ka direlang barena ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe o tla ngaparela yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Mamone.


Kana motho yoo a se ka a itlhoma gore o tla amogela sengwe mo Moreneng,


Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela. Tlhapang diatla, lona baleofi, lo itshepise dipelo, lona ba lo maikutlo mabedi.


Ba na le matlho a a tletseng go eletsa seaka, a a sa bakeleng boleo; ba oka mewa e e sa tiang, ba na le dipelo tse di tlwaetseng megagaru, ke bana ba ba hutsegileng.


Go ntse jalo mo dikwalong tsotlhe tsa gagwe, fa a bua ka ga dilo tse; mo go tsona go na le dilo tse di thata go tlhaloganngwa, tse batho ba ba sa rutegang le ba ba bokoa ba di sokamisang, jaaka ba dira le ka dikwalo tse dingwe, ba itsisetsa tshenyego.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan