Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Jakobe 1:5 - Setswana 1970

5 Mme fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a bo kope mo Modimong o o nayang mongwe le mongwe ka boitumelo, o sa nyatse, mme o tla bo newa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Fa lo batla go itse se Modimo o batlang lo se dira, o kopeng, mme o tlaa lo bolelela ka boitumelo, gonne o ipaakanyeditse ka malatsi otlhe go naya botlhe ba ba o kopang botlhale jo bogolo; o sa kgopege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi ha moñue oa lona a tloka botlale, a a bo lope Morimoñ, o o naeañ botle bogolu, o o sa khobeñ; mi o tla bo neoa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a lope Modimo o o nayang botlhe ka bogolo, mme o sa kgobe; mme o tlaa bo newa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Jakobe 1:5
31 Iomraidhean Croise  

Fela a Morena a go nee kutlwisiso le tlhaloganyo, a go laodise Baiseraele, a go thuse go tshegetsa molao wa Morena, Modimo wa gago.


Ka moo he, mphe botlhale le tlhaloganyo gore ke itse go dira ka tshwanelo fa pele ga morafe o; go seng jalo go ka kgona mang go busa morafe o mogolo o wa gago?”


Ke wena o le nosi fela yo ke go leofetseng, ka dira se mo matlhong a gago se leng bosula, gore e re fa o bua, o fitlhelwe o siame, mme o le phepa, fa o atlhola.


Ke mo tladitse Mowa wa Modimo le botlhale le tlhaloganyo le kitso le botswerere ditirong tsa mefutafuta


“Gape bona, ke dirile Oholiabe, morwa Ahisamage wa lotso lwa Dane mothusi wa gagwe. Ke tsentse botlhale mo dipelong tsa botlhe ba ba tlhalefileng gore ba dire tsotlhe tse ke di go laetseng,


Ke rata ba ba nthatang; ba ba mpatlang ka tlhoafalo ba tla mpona.


Jaanong a simolola go kgoba metse e bontsi jwa dikgakgamatso tsa gagwe di dirilweng mo go yona, ka e se ka ya tlhabologa, a re:


La bofelo a iponatsa go ba ba 11, ba ntse fa dijong, a kgalemela go sa dumeleng ga bone le bopeloethata jwa bone, ka ba se ka ba dumela ba ba mmonyeng a sena go tsosiwa.


Mme le fa e ka nna eng se lo ka se kopang mo leineng la me, ke tla se dira gore Rara a galalediwe mo go Morwa.


Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lo ka kopa se lo se ratang, se tla lo dirafalela.


Jesu a mo araba a re: “Fa ò ka bo o itse neo ya Modimo le gore ke mang yo o go rayang a re: Mphe ke nwe! ke wena o ka bong o mo kopile, mme a ka bo a go naya metsi a a phelang.”


mo go bangwe ke lonko lwa loso go isa losong, mme mo go ba bangwe ke lonko lwa botshelo go isa botshelong. Mme kana ke mang yo o nonofetseng dilo tse?


Neo nngwe le nngwe e e molemo le mpho nngwe le nngwe e e tletseng e tswa kwa godimo, e fologa kwa go Rra-masedi yo go se nang phetogo epe mo go ene, le e seng kamogano ya bosigo le motshegare.


Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo, ga ntlha ke jo bo boitsheko, bo bile bo kagiso, bo bonolo, bo a rapelesega, bo tletse kutlwelo-botlhoko le maungo a a molemo, bo se na kgobelelo le boitimokanyo.


Ka moo, ipobolelaneng dibe, lo rapelelane gore lo fole. Thapelo ya mosiami e nonofile go dira tse dikgolo, fa e le ya tlhoafalo.


Mme le fa e le eng se re se kopang, re se amogela mo go ona, ka re tshegetsa ditaolo tsa ona, re dira tse di natefang fa pele ga ona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan