Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Jakobe 1:3 - Setswana 1970

3 ka lo itse gore go lekwa ga tumelo ya lona go tsosa tlhomamo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 gonne fa tsela e na le dikgopi, bopelotelele jwa lona bo nna le nako e ntle ya go gola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Ka lo itse ha teko e e lekañ tumelo ea lona e riha bopelutelele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 lo ntse lo itse fa go lekwa ga tumelo ya lona go tle go tsose bopelotelele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Jakobe 1:3
15 Iomraidhean Croise  

Lo tla bona maphelo a lona ka tshwarelelo ya lona.


Kana tsotlhe tse di kwadilweng pele di kwaletswe go re ruta gore re tle re nne le tsholofelo ka go tshwarelela le ka go kgothadiwa ke Dikwalo.


Ba ba batlang kgalalelo le tlotlo le bosafeleng ka go tshwarelela ditirong tse di molemo, o tla ba naya botshelo jo bo sa khutleng;


Mme fa re solofela se re sa se boneng, re se lebelela ka bopelotelele.


Mme re itse gore bone ba ba ratang Modimo, dilo tsotlhe di dira mmogo go ba tsalela molemo, e bong bone ba ba biditsweng ka fa boikaelelong jwa Modimo.


gonne tlalelo ya rona e e botlhofo ya nako e khutshwane e re direla letlotlo le le sa khutleng le le gaisang tsotlhe la kgalalelo,


lo thatafadiwe ka thata yotlhe ka fa thateng ya kgalalelo ya ona gore lo be lo nne le tshwarelelo yotlhe le bopelotelele;


Ke ka moo rona ka rosi re belafalang ka lona mo diphuthegong tsa Modimo ka ntlha ya boitshoko jwa lona le tumelo mo dipogisong tsotlhe tsa lona le mo dipitlaganyong tse lo di itshokelang.


A Morena a gogele dipelo tsa lona loratong lwa Modimo le boitshokong jwa ga Keresete.


Gonne boitshoko bo lo tshwanetse, e tle e re lo sena go dirafatsa thato ya Modimo, lo amogele se se solofeditsweng.


Ka moo he, e re ka re dikanyeditswe ke lesomo le le kalokalo la basupi, a le rona re latlheng morwalo mongwe le mongwe, le boleo jo bo bonako go ka re rareetsa, mme re siane tshiano e e re lebanyeng ka tshwarelelo,


gore lo se tshwakgafale, mme lo nne baetsi ba bone ba tse ba di solofeditsweng ba di ruang boswa ka tumelo le ka bopelotelele.


gore tlhomamo ya tumelo ya lona e e lekilweng e fitlhelwe e le e e gaisang gouta e e nyelelang e e lekwang ka molelo, e bokwe, e galalediwe, e tlotliwe mogang go bonatsegang Jesu Keresete,


le kitso ka boitshwaro, le boitshwaro ka tshwarelelo, le tshwarelelo ka poifo-Modimo,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan