Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Jakobe 1:2 - Setswana 1970

2 Ba ga etsho, e re fa lo wela mo ditekong tsa mefutafuta, lo di kaye boitumelo fela,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Lo ya kwa: Bajuteng ba ba rategang, Bakaulengwe a botshelo jwa lona bo mo mathateng le dithaelong? Ke gone he itumeleng,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Bakauleñue ba me, lo kaee ha e le boitumelo yo bogolu, ha lo oela mo lipogishoñ tse lintsi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Bagaetsho, lo kaye fa e lo boitumelo fela, mogang lo welang mo ditekong di le dintsi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Jakobe 1:2
21 Iomraidhean Croise  

Ke fa bone ba tswa fa pele ga lekgotla le legolo, ba itumela ka ba kailwe ba na le tshwanelo ya go tlotlololwa ka ntlha ya leina la gagwe.


Mme e seng gona fela, e bile re ipoka ka ditlalelo, ka re itse gore tlalelo e dira boitshoko,


Gonne lona lo abetswe go bogisiwa ka ntlha ya ga Keresete, e seng go dumela fela mo go ene,


Mme le fa madi a me a ka tshololwa jaaka tshupelo ya noo ke ntse ke supele Modimo tumelo ya lona le go e o isetsa, ke tla nna ke itumela, ke be ke itumela le lona lotlhe.


Mme le lona itumeleng fela jalo, lo itumeleng le nna.


Jaanong ke itumela mo dipogong tse ke di lo bogelang, ke tlatsa ka nama ya me dipitlagano tsa ga Keresete fa di tlhaelang teng, ke direla mmele wa gagwe o e leng phuthego


Kana ba ba golegilweng lo ba tlhomogetse pelo, mme go amogwa dithoto tsa lona lwa go itshokela ka boitumelo, ka lo itse gore lona lo na le khumo kwa legodimong e e gaisang tsa lefatshe e e nnelang ruri.


Go sego monna yo o itshokelang diteko; gonne e tla re a sena go bonwa a fentse diteko, a amogele serwalo sa bophelo se Morena o se solofeditseng bone ba ba mo ratang.


Ba ga etsho ba ba rategang, lo se ka lwa timela!


Ka moo, ba ga etsho ba ba rategang, a motho mongwe le mongwe a akofe go utlwa, a iketle go bua, a iketle go galefa.


Bonang, re kaya lesego ba ba itshokileng. Lo utlwile ka ga boitshoko jwa ga Jobe, lwa bona ka fa Morena a mo diretseng ka teng bofelong; gonne Morena o tletse bopelotlhomogi, o bile o kutlwelo-botlhoko.


go bonala gore Morena o itse go golola baboifa-Modimo mo thaelong, le go bolokela basiamolodi letsatsi la katlholo gore ba watlhaiwe,


O se ka wa boifa tse o tla di bogang. Bona, Diabolo o tla latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe; lo tla nna le pitlagano ka malatsi a le some. O nne boikanyo go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan