Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Hoshee 7:2 - Setswana 1970

2 Ga ba lemoge gore ke ntse ke gopola bosula jotlhe jwa bone. Jaanong ditiro tsa bona di ba dikanyeditse, di fa pele ga sefatlhego sa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi ga ba re mo peluñ tsa bona ha ki gakologeloa boshula yotle yoa bona: mi yana tiho tsa bona li ba rikanyeritse; li ha pele ga hatlogo sa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ga ba gopole mo dipelong tsa bone fa ke gakologetswe bosula jotlhe jwa bone; jaana ditiro tsa bone di ba dikile; di fa pele ga sefatlhogo sa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Hoshee 7:2
33 Iomraidhean Croise  

Gonne matlho a ona a lebile ditsela tsa motho; o bona dikgato tsotlhe tsa gagwe.


O ithaya mo pelong a re: “Modimo o lebetse, o ipipile sefatlhego, ga o kitla o go bona ka gope.”


O se ka wa gopola maleo a bokau jwa me le ditlolo tsa me. Nkgopole ka fa boitshwarelong jwa gago ka ntlha ya molemo wa gago, Morena.


Tlhokomelang tlhe dilo tseo, lona ba lo lebalang Modimo, gore ke se ka ka gagoganya, mme ga tlhokwa yo o pholosang.


Baditšhaba ba wetse mo lemeneng le ba le epileng, dinao tsa bona di tshwerwe ke letloa le ba le thaileng mo sephiring.


O beile melato ya rona fa pele ga gago, le maleo a rona a a fitlhegileng o a beile mo leseding la sefatlhego sa gago.


Kgomo e itse morui wa yona, esele e itse segopo sa mong wa yona! Iseraele ga a itse, morafe wa me ga o lemoge.”


Morena, ba ne ba go batla ba le mo tlalelong; ya re o ba otla, ba rapela ba le mo pitlaganong.


Ga ba akanye ka pelo; ga go na kitso, le fa e le tlhaloganyo, gore ba ipotse ba re: “Ntlhanngwe ya tsona ke di fisitse ka molelo; le gona ke apeile bogobe, ka besa nama mo magaleng a ona, ka ja. Jaanong a nka dira ntlhanngwe ya tsona maila, ka khubama fa pele ga kota ya setlhare?”


Go na le kwadi le setinkane le moropa le lotlhaka le weine mo matlhapelweng a bone, mme tiro ya Morena ga ba e tlhokomele; tirafatso ya diatla tsa gagwe ga ba e lemoge.


Morena o bua jaana ka ga morafe o a re: “Ba ratile go kgarakgatshega jalo, ba sa thibele maoto a bone; ka moo ga ba a ka ba kgatlha Morena. Jaanong o tla gakologelwa melato ya bone, a ba beletsa maleo a bone.”


Gonne matlho a me a ntse a lebile ditsela tsotlhe tsa bone. Ga ba ka ke ba iphitlha fa pele ga me. Molato wa bone ga o na go lobiwa fa pele ga matlho a me.


“Boleo jwa Juta bo kwadilwe ka sekwadi sa tshipi, jwa gwaiwa ka ntlha ya taemane mo matlapeng a dipelo tsa bone le mo dinakeng tsa dialetare tsa bone,


Bosula jwa gago bo tla go otla, boikepo jwa gago bo tla go betsa. Lemoga o bone gore ke botlhoko jo bo galakang, fa o tlogela Morena, Modimo wa gago, o sa mpoife, go bua Morena, Modimo wa masomosomo.


O mogolo mo kgakololong, o nonofile mo tirong; matlho a gago a budulogetse ditsela tsotlhe tsa bana ba batho gore o duele mongwe le mongwe ka fa tsamaong ya gagwe le ka fa leungong la ditiro tsa gagwe.


“Tsamao ya gago le ditiro tsa gago di go diretse tseo; ke ka bosula jwa gago, fa di le bogalaka; fa di go setla pelo.”


“Maswalo a lo a fisitseng mo metseng ya Juta le mo mebileng ya Jerusalema, lona le borraeno le dikgosi tsa lona le dikgosana tsa lona le batho ba ba kwa merakeng, a ga ke re, ke ona a Morena o a gopotseng, a a gakologelwa ka pelo?


“ ‘Baitseanape ba lo bonela pono ya tsietso, ba lo dupela maaka – e le go e baya mo melaleng ya baikepi ba e leng baheitane; letsatsi la bone la petso ya bofelo le tlile.


Eferaime o ikanya phefo, o latela phefo e kgolo ya botlhabatsatsi. O tlhola a ntsifatsa maaka le kgatelelo. Ba dira kgolagano le Asiria, lookwane lo isiwa kwa Egepeto.”


Moperesiti o tla dirafalelwa ke se se dirafalelang morafe; ke tla mmeletsa ditsela tsa gagwe, ke mmusolosetsa ditiro tsa gagwe.


O tla re rudisa morago ga malatsi a mabedi, a re tsosa ka letsatsi la boraro gore re phele fa pele ga gagwe.


Ba tlhaba ditlhabelo tse ba di ntlelang; ke nama, e jewa ke bone. Morena ga a kgatlhwe ke tsona. Jaanong o tla gopola tshiamololo ya bone, a ba beletsa maleo a bone; ba tla boela kwa Egepeto.


“Bosula jotlhe jwa bone bo senogile kwa Gilegala; teng kwa ke simolotse go ba tlhoa ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa bone. Ke tla ba leleka mo Ntlong ya me, ke sa tlhole ke ba rata. Baeteledipele botlhe ba bona ke dirukhutlhi fela.


Ba sentse mo go maswe jaaka mo malatsing a Gibea. Modimo o tla gopola molato wa bona, o ba watlhaela maleo a bona.


Morena o ikanne ka bogolo jwa ga Jakobe a re: “Ruri, ga nkitla ke lebala ditiro dipe tsa bone ka go sa feleng.


“Tloga ò ye kwa motseng o mogolo wa Ninife, ò o kgalemele ka thero; gonne bosula jwa bone bo tlhatlogetse fa pele ga me.”


Mme fa lo sa dire jalo, gona lo leofela Morena, mme lo tla lemoga petso ya boleo jwa lona e e tla lo welang.


Ga go na sepe se se bipilweng, se se se kitlang se senolwa, le fa e le se se fitlhegileng, se se se kitlang se itsiwe.


Ka moo he, lo se ka lwa atlhola sepe, e ise e nne nako, go ya Morena a tle yo o tla ntshetsang leseding tse di fitlhilweng tsa lefifi, a senola maikaelelo a dipelo; foo mongwe le mongwe o tla bona poko mo Modimong.


Fa ba ka bo ba tlhalefile, ba ka bo ba tlhaloganya tseo, ba lemoga ka fa ba tla felang ka teng.


Ga go na sebopiwa sepe se se fitlhegileng fa pele ga ona, mme dilo tsotlhe di bipologile, tsa senoga mo matlhong a ona o re nang le go ikarabela fa pele ga ona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan