Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Hoshee 4:4 - Setswana 1970

4 “Fela a go se ka ga sekisa ope! A go se ka ga kgalemela ope! Gonne morafe wa me o tshwana le wena, moperesiti.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Leha gontse yalo a go si ne ope eo o ganelañ, le esiñ go buela ope; gone bathu ba lona ba cuana le ba ba ganelañ le moperiseti.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 “Le fa go ntse jalo a go se ganele motho ope, a go se kgaleme motho ope, gonne batho ba gaeno ba ntse jaaka batho ba ba ganelang le moperesiti.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Hoshee 4:4
8 Iomraidhean Croise  

Mme monna yo o dirang ka boitaolo, a sa utlwe moperesiti yo o emetseng go direla Morena, Modimo wa gago, teng gongwe moatlhodi, monna yoo o tshwanetse go swa. O tlose bosula jalo mo go Iseraele.


Ka moo, yo o nang le tlhaloganyo o tla didimala ka sebaka seo; gonne ke sebaka se se boitshegang.


Eferaime o golagantswe le medimo ya diseto. Mo lese!


Jaanong fa wa ga gabo moswi yo o mo fisang a mo tsaya go tlosa setoto mo ntlong, a raya yo o kwa tengteng ga ntlo a re: “A o sa ntse o na le yo mongwe?” Mme yoo a araba a re: “Ba feleletse,” foo mofitlhi o tla re: “Didimala o re tu! Leina la Morena le se ka la umakiwa.”


Le gona ke tla kgomaretsa loleme lwa gago mo magalapeng a gago gore o nne semumu. Ga o nke o nna mokgalemedi wa bone, gonne ke losika lwa baitaodi.


Ke fa ba re: “Tlayang, a re logeleng Jeremia maano! Gonne thuto ya moperesiti ga e nke e tlhokafala, le e seng kgakololo ya yo o botlhale, le e seng lefoko la moporofeti. Tlayang, a re mo iteeng ka loleme, mme re se ka ra tlhokomela lefoko lepe la gagwe!”


Ba tlhoile yo o emelang tshiamo mo lekgotleng; ba tenwa ke yo o buang nnete.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan