Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Hoshee 4:2 - Setswana 1970

2 Ba a rogaka, ba a aka, ba a bolaya, ba a utswa, ba a akafala, ba thuba matlo; mme molato wa polao o tlhatlaganye le molato wa polao.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi ba thobile ka thogako, le kako, le polao, le bogoru, le go gokahala, mi mari a hitlela mari.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 “Ga go na sepe fa e se go ikana le go tlola maikano, go bolaya, le go utswa, le go dira boaka; ba tla ba phomele, mme madi a batho a tshwaraganye le madi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Hoshee 4:2
42 Iomraidhean Croise  

Mme Kaine a bua le Abele monnawe; ya re ba le kwa nageng, Kaine a tsogela Abele monnawe, a mmolaya.


Lefatshe le itshepolotswe ke baagi ba lone, gonne ba tlodile ditaolo, ba fetola molao, ba roba kgolagano e e sa khutleng.


Utlwang mafoko a, lona ba ntlo ya ga Jakobe, ba lo bidiwang ka leina la Iseraele; ba lo ikanang ka leina la Morena, lo tumisa Modimo wa Iseraele, mme e seng ka boammaaruri, le e seng ka tshiamo.


Gonne Iseraele le Juta ga se batlholagadi ba ba tlogetsweng ke Modimo wa bone, Morena wa masomosomo. Kana lefatshe la bone Bakalatea le tletse molato wa go leofela Moitshepi wa Iseraele.


Bosula jwa ona bo ntse bo tswela jaaka motswedi wa metsi o ntse o tswela. Kgatelelo le tshenyo di utlwala mo go ona. Botlhoko le dintho di ntse di le fa pele ga me.


Mme ba tsenye ka ntlha ya dibe tsa baporofeti ba gagwe le ka ntlha ya maleo a baperesiti ba gagwe, ba ba neng ba tsholola madi a basiami teng.


“Dira keetane! Gonne lefatshe le tletse melato ya go tsholola madi, le motse o tletse tshiamololo.


Lo lemile boikepo, lwa roba bokgopo jo bo boitshegang, lwa ja maungo a maaka. “Gonne ò ne ò ikanya dikoloi tsa ntwa tsa gago, le bontsi jwa diganka tsa gago.


Ba buabua fela, ba ikana ka maaka, ba dira dikgolagano; ke ka moo go tlhogang petso jaaka mogau mo meseleng ya tshimo.


Mme Morena o ntshitse Baiseraele kwa Egepeto ka moporofeti, mme ba disiwa ke moporofeti.


le gopo e e boteng ya Sitime, mme nna ke tla ba otla botlhe.


Gileate ke motse wa basenyi, o tletse metlhala ya madi.


Lekoko la baperesiti le bolaela batho mo tseleng e e yang kwa Šegeme jaaka senokwane se se laletseng. Ee, ba dirile tse di tlhabisang ditlhong.


“E a re fa ke re ke fodisa Iseraele, go bonale molato wa Eferaime le bosula jwa Samaria, gonne ba tsieditse; legodu le tsene mo teng, lekoko la dinokwane le thukhuthe ka kwa ntle.


“Ba thabisa kgosi ka bosula jwa bone, le dikgosana ka maaka a bone.


Botlhe ba a akafala, ba tshwana le sebeso se se tukang, le fa mmesi a khutla go kgotetsa go tloga mo go dubeng bupe go fitlhelela bo sena go bela.


Lona ba lo ilang tse di molemo, lo ratang tse di bosula; ba lo buang batho letlalo, lo gagolang nama ya bone mo marapong;


A ko lo utlwe fa, lona ditlhogo tsa ntlo ya Jakobe, le lona dikgosana tsa Baiseraele, ba lo tenwang ke tshiamo, ba lo sokamisang tsotlhe tse di siameng!


“A nka lebala ntlo ya moikepi e e kgobokanyang mahumo a tshiamololo le selekanyo sa tsietso se se hutsitsweng?


Baboifi-Modimo ba fedile mo lefatsheng. Ga go na ope wa nnete mo bathong. Ba lalela madi botlhe, ba thaisanya ka letloa.


A tatlhego wee ya motse wa pheretlhego o o tletseng maswe, o o gatelelang!


A ba a nthaya a re: “Ke khutso e e tswelang mo lefatsheng lotlhe; gonne mongwe le mongwe yo o utswang o tla tlosiwa mono ka fa khutsong eo, le mongwe le mongwe yo o ikanang ka maaka o tla tlosiwa jalo mono.


“Morena wa masomosomo o buile jaana a re: ‘Atlholang ka katlholo ya tshiamo, lo direlane ka lorato le kutlwelo-botlhoko.


gore madi otlhe a a siameng a a tsholotsweng mo lefatsheng a lo wele, go simolola ka madi a ga Abele, mosiami, go tla mading a ga Sagaria, morwa Baragia, yo lo mmolaetseng fa gare ga Tempele le aletare.


Ke ofe wa baporofeti yo borraeno ba se kang ba mmogisa? Mme ba bolaile ba ba boleletseng pele ka ga go tla ga Mosiami; jaanong lo mo tshwarisitse, lwa mmolaya,


“ ‘O se ka wa bolela leina la Morena, Modimo wa gago, mo go sa tshwanelang; gonne yo o bolelang leina la gagwe mo go sa tshwanelang, Morena ga a kitla a mo lesa a sa mmetse.


“ ‘Le gona o se ka wa akafala.


“ ‘Le gona o se ka wa utswa.


ba e bileng ba bolaile Morena Jesu le baporofeti, le rona ba re leleka, ba bo ba sa kgatlhe Modimo, ba le kgatlhanong le batho botlhe;


Ka ba ka bona mosadi a tlhapetswe ke madi a baitshepi le a basupi ba ga Jesu. Ya re ke mmona, ka gakgamala ka kgakgamalo e kgolo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan