Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Hoshee 3:2 - Setswana 1970

2 Jaanong ka mo ithekela ka diselefera di le 15 le ka kgetse e le nngwe ya garase le bontlhanngwe jwa yona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi ka mo ithekela ka liselevera li faevten le homera ea barele, le ntla ñue ea homera ea barele:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Jalo ka mo ithekela ka dipapetlana tsa selefera di le 15, le kgetse ya barele, le bontlhanngwe jwa kgetse ya barele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Hoshee 3:2
9 Iomraidhean Croise  

Ke ntse dinyaga di le 20 mo lapeng la gago, ka go direla dinyaga di le 14 ka ntlha ya bomorwadio le dinyaga di le thataro ka ntlha ya letsomane la gago, mme o fetotse tuelo ya me gasome.


Batlang bogadi le dineo mo go nna ka fa lo ratang ka teng, ke tla di ntsha. Fela mosetsana yoo lo mo nnee, a nne mosadi wa me.”


Mme fa rraalo a ka gana go le mo naya, a a lefe madi a a kana ka bogadi jwa lekgarebe.


Gonne ditema tsa malatsi a le some tsa tshimo ya moweine di tla ungwa kgamelo e le nngwe fela; fa go jwetsweng kgetse ya peo, go tla kotulwa tlatlana fela.”


“ ‘A efa le batha e nne selekanyo se le sengwe fela. A efa di le some di tlatse homere, le batha di le some di tlatse homere. A di laolwe ke homere ka bobedi jwa tsona.


Ka mo raya ka re: “Ntulele malatsi a mantsi! Se akafale, o se nne le monna ope! Le nna ke tla itshwara jalo ka ntlha ya gago.”


“ ‘Fa motho a itshepisetsa Morena tshimo nngwe ya boswa jwa gagwe, o e kaye ka fa peong e e jwalwang mo go yona. Fa peo ya garase e tlatsa homere, o e kaye dišekele di le 50 tsa selefera.


Le gona ke tsaya Ruthe wa Moabe, mosadi wa ga Magelone gore a nne mosadi wa me, mme ke tsose leina la moswi mo bosweng jwa gagwe, mme leina la moswi le se ka la nyelediwa mo gare ga bomorwa-rraagwe le mo lekgotleng la motse wa ga gabo. Lona lo basupi kajeno.”


Saule a re: “Rayang Dafita jaana lo re: ‘Kgosi ga e kgatlhwe ke bogadi jo bongwe fa e se matlalo a a sa rupisiwang a le lekgolo a Bafelesita, e le go ipusolosetsa mo babeng ba kgosi.’ ” Saule a loga maano jalo go diga Dafita ka diatla tsa Bafelesita.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan