Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Hoshee 2:3 - Setswana 1970

3 Go seng jalo ke tla mo apola gotlhe, ke mmaya jaaka a ne a ntse ka letsatsi la botsalo jwa gagwe. Ke tla mo dira jaaka sekaka, ke mmaya jaaka naga e e omeletseng, ke mmolaya ka lenyora.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Gore ki si mo apole, ki maea yaka tsatsi ye o tsecoeñ ka yeona, le go mo riha yaka bogareganaga, le go maea yaka hatse ya lokhere, le go molaea ka lenyora.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Nka tla ka mo tsodisetsa ruri, ka mmaya jaaka a ne a ntse mo tsatsing le o tsetsweng ka lone, mme ka mo dira jaaka naga fela, ka mmaya jaaka sekaka, mme ka mmolaya ka lenyora.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Hoshee 2:3
27 Iomraidhean Croise  

Batho ba nyorelwa metsi gona; batho ba ngongoregela Moše ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o re ntshitse kwa Egepeto gore o re bolae le bana ba rona le diruiwa tsa rona ka lenyora?”


Lefatshe le hutsafetse, le a swaba. Lebanone o tlhajwa ke ditlhong, o a omelela. Leboa la Sarone ke naga fela. Basane le Karemele di tlhotlhoregile matlhare.


A bosaikatega jwa gago bo senolwe, a ditlhong tsa gago di bonale! Ke tla busolosa, ke sa rekegele motho.”


Metse e e boitshepo ya gago e fetogile marope, Sione a ntshiwa sekaka, Jerusalema a nna senya.


Badisa ba bantsi ba sentse tshimo ya me ya moweine; ba gatakile boswa jwa me, ba tubaka tshimo e ke e itumelelang;


Mme fa o ka ipotsa mo pelong o a re: “Ke ka ntlhaang, fa ke dirafaletswe ke tseo?” Ke ka ntlha ya molato o mogolo wa gago, fa o apotswe mosese, fa o gateletswe direthe.


Le nna ke go apola mosese, ke go bipa sefatlhego ka ona gore go bonale ditlhong tsa gago,


Batlotlegi ba bone ba roma badiredi ba bone kwa metsing; ba fitlha kwa didibeng, ba sa bone metsi. Ba boa ka dinkgo tsa bone tse di se nang sepe, ba swabile, ba tlhajwa ke ditlhong, ba ikhurumeditse ditlhogo.


O tla nna jaaka setlhatshana mo sekakeng, a sa bone, fa molemo o tla; o tla aga mo motlhabeng o o bolelo wa sekaka, le mo nageng ya dikgalaopa, fa go sa nneng ope.


Kana lona lo losika lo lo ntseng jang? Lemogang Lefoko la Morena! A ke fetogetse Iseraele sekaka gongwe lefatshe le lentsho? Ke ka ntlhaang fa batho ba me ba re: ‘Re a itaola. Ga re kitla re tlhola re boela kwa go wena.’


Ga ba a ka ba botsa ba re: ‘Morena o kae, yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, a re etelela pele mo sekakeng, mo nageng e e senya ya mangope, mo nageng ya komelelo, ya lefifi le le kwenneng, mo nageng e e sa ralalweng ke ope, kwa batho ba sa nneng teng?’


Morena o bua jaana ka ga ntlo ya kgosi ya Juta a re: “O Gileate mo go nna le setlhoa sa Lebanone. Ruri, ke tla go dira sekaka sa metse e e se nang banni.


Ka leba masimo a ditlhare tse di ungwang, ka fitlhela e le sekaka fela, metse yotlhe ya teng e sentswe ke Morena ka bogale jo bo tukang jwa gagwe.


Metse ya gagwe e fetogile marope le naga e e omeletseng le sekaka. Ke e go sa nneng ope mo go yona, e go sa feteng motho ope kwa go yona.


Gonne Iseraele le Juta ga se batlholagadi ba ba tlogetsweng ke Modimo wa bone, Morena wa masomosomo. Kana lefatshe la bone Bakalatea le tletse molato wa go leofela Moitshepi wa Iseraele.


Le gona fa ò ntse ò dira maila a mefutafuta a gago le boaka jwa gago, ga ò gakologelwe malatsi a bonyana jwa gago jaaka ò ne ò sa ikatega, ò sa apara sepe, fa ò ntse o bidikama mo mading a gago.


Mme jaanong o tlhomilwe mo sekakeng, mo nageng e e lokgere ya lenyora.


Le fa Eferaime a ungwa maungo mo gare ga bomorwa-rraagwe, go tla tla phefo e e tswang kwa botlhabatsatsi, e leng phefo ya Morena e e tsogang mo sekakeng. Foo motswedi wa gagwe o tla tšha, sediba sa gagwe se kgala. Mmaba o tla thopa khumo ya dilo tse di eletsegang tsa mefutafuta.


Jaanong ke tla bipolola ditlhong tsa gagwe fa pele ga dinyatsi tsa gagwe, go se ope yo o ka mo gololang mo letsogong la me.


Dinaka tse di some tse o di bonyeng, le sebata, di tla tlhoa seaka, di se dira senya le go sa ikatega; di tla ja dinama tsa sona, di se fisa ka molelo.


Mme ya re a nyorilwe thata a lelela Moreneng a re: “Ke wena o dirileng pholoso e kgolo e ka letsogo la motlhanka wa gago. A jaanong ke tla swa ka lenyora, ke wela mo diatleng tsa ba ba sa rupang?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan