Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Hoshee 2:2 - Setswana 1970

2 “Sekisang mmaalona, lo mo sekise, gonne ga se mosadi wa me, le nna ga ke monna wa gagwe. A a tlose boaka jwa gagwe mo sefatlhegong sa gagwe le kgokafalo ya gagwe mo mabeleng a gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ganelañ le ma lona, lo ganele: gone e si mosari oa me, le gona ga ki monona oa gague: mi a a tlose maakahalo a gague go ena, le maakahalo a gague gare ga mabele a gague;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 “Rapelang mmaeno, lo mo rapele; gonne ga se mosadi wa me, le nna ga ke monna wa gagwe. A a tlose boaka jwa gagwe mo sefatlhogong sa gagwe, le dikgokafalo tsa gagwe gare ga mabele a gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Hoshee 2:2
22 Iomraidhean Croise  

O tla emisetsa ditšhaba sefoka, a phutha bomorwa Iseraele ba ba lelekilweng, a kgobokanya bomorwadia Juta ba ba faladitsweng, ba tswa ntlheng tse nne tsa lefatshe.


Morena o bua jaana a re: “Lokwalo lwa tlhalo la ga mmaeno lo kae, lwa ke mo tlhadileng ka lone? Gongwe ke molato le mang, yo ke lo rekisitseng mo go ene? Bonang, lo rekisitswe ka ntlha ya melato ya lona. Mmaalona o tlhadilwe ka ntlha ya maleo a lona.


“Kua thata, se tshabe go swa lentswe! Le tsholetse jaaka lonaka, o itsise morafe wa me boikepo jwa ona le ba lotso lwa ga Jakobe maleo a bone!


Bua o re: ‘Utlwang Lefoko la Morena, lona dikgosi tsa Juta le lona baagi ba Jerusalema: Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Bonang, ke isa felo fa mo tatlhegong e mongwe le mongwe yo o e utlwelang o tla sumang ditsebe ka yona.


“Yaa o rere mo ditsebeng tsa Jerusalema o re: “ ‘Morena o bua jaana a re: Ke gakologelwa bopelonomi jwa bošwa jwa gago le lorato lwa gago, fa o sa ntse o beeletswe, o ntatela mo sekakeng, mo nageng fa go sa jwalweng teng.


“Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe, mme ene a mo tlogela, a nyalwa ke monna yo mongwe, a mosadi o ka boela gape kwa go ene? A lefatshe leo ga le kitla le itshekologa tota? Jaanong wena o dirile boaka le dinyatsi tse dintsi. A o a re o boela kwa go nna?” Go botsa Morena.


Fela o ipone molato, fa o ikepile mo Moreneng, Modimo wa gago, wa ineela medimo e sele thata fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me,” go bua Morena.


Ka malatsi ao Bajuta ba tla goga le Baiseraele, ba tswa mmogo kwa lefatsheng la bokone, ba boela kwano lefatsheng le ke le abetseng borraeno boswa.


“Le gona wa tsaya bomorwao le bomorwadio ba ò neng ò ba mpelegetse, wa ba tlhaba gore ba nne dijo tsa tsona. A boaka jwa gago bo ne bo ise bo lekane,


Wa aga thotana ya gago ya tlhabelo mo makgatlhanong otlhe a ditsela, wa fetola bontle jwa gago maila, wa paralaletsa mongwe le mongwe yo o fetang maoto, wa totisa boaka jwa gago.


“A o tla ba sekisa? A o tla ba kgalemela, morwa-motho? Ba itsise maleo a borraabo,


Nna ka re, a ba tla dira boaka le ene yo o tswapotsweng ka go senya nyalo, le ene nabo?


Mme banna ba ba siameng ba tla ba atlhola jaaka go tshwanetse basadi ba ba sentseng nyalo, le jaaka go tshwanetse basadi ba ba tsholotseng madi. Ka gonne ba sentse nyalo; e bile madi a mo diatleng tsa bone.”


E rile Morena a simolola go bua ka Hosea, a mo raya a re: “Tsamaya o tsee mosadi wa seaka le bana ba seaka; gonne lefatshe le ntse le akafala thata ka go tlogela Morena.”


Rayang bomorwa-rraalona lo re: “Bathobame”, le bokgaitsadia-lona: “Bautlwetswe-botlhoko”.


Gonne mmaabo o akafetse; yo o ba tsetseng o dirile tsa ditlhong. Gonne o rile: ‘Ke rata go sala dinyatsi tsa me morago, tse di mphang bogobe le metsi le maboa a dinku le letseta le lookwane le tse di nowang.’


Mme o tla wa motshegare, moporofeti le ene a wa nao bosigo; e bile ke tla nyeletsa mmaago.


Mmetla-tsela o tla bolola, a ba etelela pele; ba tla sutlha, ba tsena ka kgoro, ba tswa ka yona. Mme Kgosi ya bone e tla ba etelela pele, mme Morena a le tlhogo ya bone.


Jalo he, go tlogeng fano ga re tlhole re itse ope ka fa nameng; mme fa re kile ra itse Keresete ka fa nameng, jaanong ga re tlhole re mo itse jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan