Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Hoshee 11:3 - Setswana 1970

3 Kana ke nna ke tsamaisitseng Baeferaime tshipidi, ka ba tshola ka mabogo, mme ga ba a ka ba lemoga, fa e le nna ke ba fodisitseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Leha ki le ka ruta Baeferaima go tsamaea, ka ba culetsa ka mabogo a bona; leha gontse yalo ba si ka ba itse ha ki ba horisitse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Le fa go ntse jalo ka lekisa Eferaime go tsamaya ka dinao; ka ba tshola mo mabogong a me; mme ba bo ba sa itse fa ke ba fodisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Hoshee 11:3
20 Iomraidhean Croise  

Gonne ke tla go fodisa, ke alafa dintho tsa gago,’ go bua Morena. ‘E re ka ba go bitsa “Yo o lelekilweng” le “Sione yo o sa batlweng ke ope.” ’ ”


le mo sekakeng kwa lo bonyeng teng jaaka Morena, Modimo wa lona, a lo belege jaaka monna a tle a belege morwawe mo tseleng yotlhe e lo tsamaileng ka yona, ga tsamaya lwa ba lwa fitlha mo felong fano.’


a re: “Fa ò utlwa lentswe la Morena Modimo wa gago ka boikanyo, o dira tse di siameng mo matlhong a gagwe, o sekegela ditaolo tsa gagwe tsebe, o tshegetsa melao yotlhe ya gagwe, ga nkitla ke go bolaisa bolwetse bope jo ke watlhaileng Baegepeto ka jona. Gonne nna Morena ke tla nna ngaka ya gago.”


Le fa ke ba rutile, ka ba ka tiisa mabogo a bona, ba ntogela maano a a bosula.


Wa ba wa itshokela mekgwa ya bone mo sekakeng, e ka nna sebaka sa dinyaga di le 40.


“Ke tla fodisa boikepo jwa bona, ke ba rata ka pelotshweu; gonne bogale jwa me bo boile mo go bona.


“E a re fa ke re ke fodisa Iseraele, go bonale molato wa Eferaime le bosula jwa Samaria, gonne ba tsieditse; legodu le tsene mo teng, lekoko la dinokwane le thukhuthe ka kwa ntle.


“Mme ga a ka a lemoga gore ke nna ke mo neileng mabele le matute a moweine le lookwane; ke mo ntsifaleditse selefera le gouta tsa ba diretseng Baale ka tsona.


mo ditlalelong tsotlhe tsa bone; a ba thusa, e seng morongwi le e seng moengele, nnyaya, ene ka esi a ba golola ka lorato lwa gagwe le ka thekegelo ya gagwe; a ba tsholetsa, a ba belega ka malatsi otlhe a bogologolo.


“Nkutlweng, lona ba lapa la ga Jakobe le lona masalela otlhe a Baiseraele: Ke lona lo belegweng ke nna go tswa sebopelong; ke lona lo beputsweng ke nna.


E tla re ka letsatsi le Morena a fapang tshenyego ya morafe wa gagwe ka lone, a fodisa dintho tse ba di ntshitsweng, lesedi la ngwedi le tshwane le lesedi la letsatsi; lesedi la letsatsi le tla oketsega gasupa jaaka lesedi la malatsi a a supa.


“Direlang Morena Modimo wa lona, foo o tla tshegofatsa dijo tsa lona le metsi a lona. Ke tla tlosa malwetse mo go lona.


A ga go na molemo mo Gileate? Gongwe a ga go na ngaka teng? Ke ka ntlhaang, fa morwadia morafe wa me a ise a fole?


Lona magodimo, utlwang; wena lefatshe, sekega tsebe! Gonne Morena o bua a re: “Ke otlile bana, ka ba godisa, mme bone ba ikepile mo go nna.


Gopola tsela yotlhe e Morena, Modimo wa gago, o go tsamaisitseng mo go yona dinyaga tse di 40 kwa sekakeng gore a tle a go kokobetse, a go leke, a itse tse di mo pelong ya gago gore a o tla tlhokomela ditaolo tsa gagwe gongwe nnyaya.


‘Lo bonye ka nosi tse ke di diretseng Baegepeto, mme lona ka lo belega ka diphuka tsa bontswi, ka lo tlisa go nna.


a romela lefoko la gagwe, a ba fodisa, a pholosa maphelo a bona mo mabitleng:


Modimo o o sa khutleng ke boago, bo fa tlase ga mabogo a a sa khutleng; o ne wa leleka mmaba fa pele ga gago wa re: “Mo nyeletse!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan