Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Hoshee 10:3 - Setswana 1970

3 Ee, jaanong ba tla re: “Ga re na kgosi, gonne ga re a ka ra boifa Morena, mme kgosi e – e ka re thusa eng?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Gone yana ba tla re, Ga re na khosi, gone re si ka ra boiha Yehova; mi khosi e tla re rihelañ?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ruri jaanong ba tlaa bo ba bua ba re: “Ga re na kgosi, gonne ga re boife Jehofa; mme kgosi yone e ka re direla eng?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Hoshee 10:3
14 Iomraidhean Croise  

Thobane ya bogosi ga e kitla e tloga mo go Juta le e seng lore lwa mmusi fa gare ga dinao tsa gagwe go fitlhelela go be go tle Silo. Ene merafe e tla mo utlwa.


Sadume morwa Jabese o ne a simolola go busa ka ngwaga wa 39 wa puso ya ga Usia kgosi ya Juta, a busa sebakanyana sa kgwedi fela kwa Samaria.


Go nna mo tshireletsong ya Morena go gaisa go ikanya batlotlegi.


A Morena a nyeletse melomo yotlhe e e borethe, le loleme lo lo buang dilo tsa boikgodiso;


ba ba reng: “A a itlhaganele, a akofise tiro ya gagwe gore re e bone; a boikaelelo jwa Moitshepi wa Iseraele bo atamele, bo dirafale gore re bo itse!”


Le lona Baiseraele, Morena o tla lo direla fela jalo ka ntlha ya bosula jo bogolo wa lona. Kgosi ya Iseraele e tla nyelelediwa ruri e sa le phakela.


Samaria o a nyelediwa, kgosi ya teng e tshwana le sefawa mo metsing.


“Ga ba kitla ba boela kwa Egepeto. Nnyaya, Asiria e tla nna kgosi ya bone, gonne ba ganne go tlhabologa.


Kgosi ya gago e kae jaanong? A e go thuse mo metseng yotlhe ya gago! Baatlhodi ba gago ba kae, ba o buileng ka ga bone wa re: ‘Mphe kgosi le dikgosana’?


Ee, ke go naya kgosi ka bogale jwa me; ke tla ba ke e tlosa ka kgalefo ya me.


Gonne Baiseraele ba tla nna fela sebaka se seleele, ba se na kgosi, ba se na kgosana, ba se na setlhabelo, ba se na lentswe le le motloutlo, ba se na khiba ya boperesiti, ba se na medimo ya lelapa.


Jaanong o goelang thata? Kgosi a ga e na nao? Gongwe a mogakolodi wa gago o nyeletse, mo e bileng o tshwerwe ke matlhoko jaaka mosadi yo o belegang?


Ke fa bone ba goa ba re: “Mo tlose, mo tlose, mmapole!” Pilato a ba raya a re: “A ke bapole kgosi ya lona?” Baperesiti ba bagolo ba araba ba re: “Ga re na kgosi, fa e se Kaisara.”


Mme fa lo dira tse di bosula, lo tla latlhega, lona le kgosi ya lona.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan