Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Hoshee 10:2 - Setswana 1970

2 Ba pelo pedi. Jaanong ba tla otlwa. Morena o tla phatlakanya dialetare tsa bona, a senya majwe a a motloutlo a bona a kobamelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Pelu tsa bona li khaogancoe; yana ba tla berioa: o tla rutla aletara tsa bona, o tla senya licuanco tsa bona tse ri thokhameñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Dipelo tsa bone di kgaoganye; jaana ba tlaa fitlhelwa ba le molato; o tlaa itaya dibeso tsa bone, o tlaa thopa ditshwantsho tsa bone tse di emeng motloutlo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Hoshee 10:2
24 Iomraidhean Croise  

Mme Elia a atamela batho botlhe, a ba botsa a re: “Lo tla nna dimao tse di ntlha-pedi go fitlha leng? Fa Modimo e le Morena, mo saleng morago; mme fa e le Baale, mo lateleng!” Mme batho ba se ka ba mo araba sepe.


Lo se ka lwa obamela medimo ya bone le e seng go e direla le e seng go dira jaaka bone ba dira, mme lo e digele ruri, lo pšhwetlakanye mafika a bone a a betlilweng motloutlo.


Moikepi o itirela khumo ya tsietso, mme yo o jwalang tsa tshiamo o bona tuelo ya nnete.


Ga ba itse sepe, ga ba lemoge sepe; gonne matlho a bona a thibilwe gore ba se ka ba bona; dipelo tsa bone di thatafaditswe gore ba se ka ba tlhalefa.


Ditshwantsho tse di metloutlo tsa tempele ya letsatsi e e mo lefatsheng la Egepeto o tla di thubaganya, a fisa matlo a medimo ya Egepeto ka molelo.’ ”


e le gore ke tshware dipelo tsa Baiseraele tse di ntlhadileng tsotlhe ka ntlha ya medimo e e maila ya bone.’


“Ke buile le baporofeti, ka ntsifatsa dipono, ka bua ka ditshwantsho ka melomo ya baporofeti.


Samaria o tla otlwa, gonne o tsogetse Modimo wa gagwe thata; ba tla wa ka tšhaka, bana ba bone ba tšhwetlakanngwa, basadi ba baimana ba bone ba tla segakwa dimpa.”


Gonne Baiseraele ba tla nna fela sebaka se seleele, ba se na kgosi, ba se na kgosana, ba se na setlhabelo, ba se na lentswe le le motloutlo, ba se na khiba ya boperesiti, ba se na medimo ya lelapa.


“Eferaime o ikopanya le merafe. Eferaime ke papetla ya senkgwe e e sa fetolwang.


Ke tla nyeletsa dithota tsa tlhabelo tsa lona, ke kumola majwe a a motloutlo a letsatsi a lona, ke latlhela ditoto tsa lona mo godimo ga ditoto tsa medimo e e maila ya lona, mme pelo ya me e tla lo tenegela.


Ke tla kumola medimako ya gago ya Ašera gore e tlosiwe mo gare ga gago; ke tla senya metse ya gago e e femetsweng.


le ba ba obamelang lesomo la masedi a legodimo ba le mo godimo ga matlo, le baobamedi ba ba ikanang ka Morena, e bile ba ikana ka Milekome fela jalo;


Morena wa masomosomo a re: “Ka letsatsi leo ke tla nyeletsa maina a medimo ya diseto mo lefatsheng gore e se ka ya tlhola e gopolwa; le gona ke tla tlosa baporofeti ba maaka le mowa o o maswe mo lefatsheng.


“Ga go ope yo o ka direlang barena ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe o tla ngaparela yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Mamone.


“Ga go motlhanka ope yo o ka direlang barena ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe o tla ngaparela yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Mamone.”


ka e le monna yo o pelo-pedi yo o akgaakgegang mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe.


Banna le basadi ba lo senyang nyalano! A ga lo itse gore go tsalana le lefatshe ke go nna mmaba wa Modimo? Kana yo o ratang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.


Lo se ka lwa rata lefatshe, le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa mongwe a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene.


Jaanong ya re ba phakela ka moso o mongwe, ba fitlhela Dagone gape a ole, a patlame fa pele ga Letlole la Morena, a kgaotswe tlhogo le diatla di le fa serepoding; go setse mmele wa gagwe fela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan