Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Hoshee 10:1 - Setswana 1970

1 Iseraele e ne e le setlhare sa moweine sa dikala tse di phuthologileng se se nang le maungo. Ya re maungo a gagwe a ntsifala, a ntsifatsa dialetare le tsona; ka fa molemong wa lefatshe la gagwe a betla majwe a a motloutlo a mantle a kobamelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 BAYESERELA ki movina o o namalalañ, ba uñua louñuo loa bona: ba ntsiharitse lialetara kaha bogoluñ yoa mauñuo a bona; ba rihile licuanco tse ri thokhameñ tse liñtle kaha molemoñ oa lehatse ya bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Iseraele ke mofine o o enneng thata, o o ungwang; o ntsifaditse dibeso tsa gagwe ka fa bontsing jwa loungo lwa gagwe; ba dirile ditshwantsho tse di setilweng tse dintle ka fa molemong wa lefatshe la bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Hoshee 10:1
24 Iomraidhean Croise  

Le bone ba itirela dithota tsa tlhabelo le majwe a a motloutlo le medimako mo thabaneng nngwe le nngwe e e godimo le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala.


Gonne palo ya medimo ya gago, Juta, e lekana le palo ya metse ya gago. Le gona palo ya mebila ya Jerusalema e lekana le palo ya dialetare tse lo di agetseng modimo-wa-botlhabisa-ditlhong, e bong dialetare tse lo fisetsang Baale maswalo mo go tsona.


“Morena wa masomosomo yo o go tlhomileng o go atlholetse tatlhego ka ntlha ya boikepo jwa Baiseraele le jwa Bajuta, jo ba bo dirileng e le go itshenyetsa ka bosi gore ba nkgakatse ka go fisetsa Baale maswalo.”


“Medimo ya gago e kae e o e itiretseng? A e tsoge, fa e itse go go thusa mo sebakeng sa tlalelo ya gago. Gonne palo ya metse ya gago e lekana le palo ya medimo ya gago, Juta!


“Ke buile le baporofeti, ka ntsifatsa dipono, ka bua ka ditshwantsho ka melomo ya baporofeti.


Jakobe o na le sekale se se tsietsang, o rata go patika jaaka Kanana.


Le fa Eferaime a ungwa maungo mo gare ga bomorwa-rraagwe, go tla tla phefo e e tswang kwa botlhabatsatsi, e leng phefo ya Morena e e tsogang mo sekakeng. Foo motswedi wa gagwe o tla tšha, sediba sa gagwe se kgala. Mmaba o tla thopa khumo ya dilo tse di eletsegang tsa mefutafuta.


Mme jaanong ba tswelela pele go leofa, ba itirela setshwantsho se se bopilweng sa modimo ka selefera ya bona, le medimo ya diseto ka fa tlhaloganyong ya bone. Tiro yotlhe e ke ya bathudi fela. Ba tloga ba bua le yona, ee, bone ba ba dirang batho ditlhabelo ba atla medimo ya dinamane.


E rile ba ntse ba fula, ba kgora; ya re ba sena go kgora, dipelo tsa bone tsa ikgodisa; ka moo ba ntebala.


Jaanong ke tla bipolola ditlhong tsa gagwe fa pele ga dinyatsi tsa gagwe, go se ope yo o ka mo gololang mo letsogong la me.


“Mme ga a ka a lemoga gore ke nna ke mo neileng mabele le matute a moweine le lookwane; ke mo ntsifaleditse selefera le gouta tsa ba diretseng Baale ka tsona.


Gonne Baiseraele ba tla nna fela sebaka se seleele, ba se na kgosi, ba se na kgosana, ba se na setlhabelo, ba se na lentswe le le motloutlo, ba se na khiba ya boperesiti, ba se na medimo ya lelapa.


“Go nteofela ga bone go kana ka go ntsifala ga bone. Tlotlo ya bone ke tla e fetola nyatsego.


“Gonne Eferaime o agile dialetare tse dintsi a re, o tlhapa boleo, mme dialetare tseo di mo okeleditse dibe.


“Ba tlhomile dikgosi, mme e seng ka nna; ba beile dikgosana, ke sa itse. Ba itiretse medimo ya diseto ka selefera ya bona le gouta ya bona, mo ba tla nyelediwang.


“ ‘Lo se ka lwa itirela medimo ya boithamako, le e seng go itlhomela medimo ya diseto le fa e le majwe a motloutlo le e seng go dira majwe a a gwailweng ditshwantsho mo lefatsheng la ga lona go di obamela. Gonne ke nna Morena, Modimo wa lona.


Gonne Morena o tla busa kgalalelo ya Jakobe le kgalalelo ya Iseraele; gonne dinokwane di ba thukhuthile, tsa senya dikala tsa meweine ya bone.


Jalo he, go tlogeng fano ga re tlhole re itse ope ka fa nameng; mme fa re kile ra itse Keresete ka fa nameng, jaanong ga re tlhole re mo itse jalo.


ka gore botlhe ba ipatlela tsa bone, e seng tsa ga Keresete Jesu.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan