Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Hoshee 1:2 - Setswana 1970

2 E rile Morena a simolola go bua ka Hosea, a mo raya a re: “Tsamaya o tsee mosadi wa seaka le bana ba seaka; gonne lefatshe le ntse le akafala thata ka go tlogela Morena.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Tsimologo ea lehuku ya ga Yehova ka Hoshee. Yehova a raea Hoshee, Ea, u itseele mosari oa maakahalo, le bana ba maakahalo: gone lehatse le akahetse akahalo e kholu, ka go tlogela Yehova.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 E rile Jehofa a simolola go bua ka Hosea, a mo raya a re: “Ya o tseye mosadi wa seaka, le bana ba boaka; gonne lefatshe le dira boaka jo bogolo, ka go tlogela Jehofa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Hoshee 1:2
24 Iomraidhean Croise  

mme o sepetse mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele, wa dirisa Bajuta le baagi ba Jerusalema boaka jaaka go akafala ba lapa la ga Ahabe; o bile o bolaile bomonnao ba lapa la ga rrago ba ba neng ba siame bogolo go wena –


Ba ikgotlela ka ditiro tsa bona, ba akafala ka go dira ga bona.


Gonne bona, ba ba ikgaoganyang le wena ba tla latlhega; o nyeletsa botlhe ba ba akafalang ka go ikepa mo go wena.


“Gonne morafe wa me o dirile masula a mabedi: Ba ntlogetse ke le motswedi wa metsi a a phelang, ba ya ba ikgabela dikgatampi, e leng dikgatampi tse di phanyegileng, tse di sa tshwareng metsi.


“Gonne ga o bolo go roba joko ya gago le go kgaola dikgole tsa gago wa re: ‘Ga ke rate go go direla.’ Gonne o ntse o ithobatsa fatshe o le seaka mo dithabaneng tsotlhe tse di godimo le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala.


“O ka bua jang o a re: ‘Ga ke a itshekologa, ga ke a latela boBaale’? Bona tsela ya gago mo mogorogorong, ipone se o se dirileng! O kammele e namagadi e e lemaletseng e e tlolaganyang ditsela tsa yona.


A itshekolola lefatshe ka boaka jwa pelo e e botlhofo ya gagwe, a senya nyalo ka go ineela kota le lefika.


Mme ba ba falotseng ba lona ba tla nkgopola ba le kwa ditšhabeng tse ba isitsweng mo botshwarong kwa go tsona. Ke tla phatlola dipelo tsa bone tse di akafalang le go ikepa mo go nna, le go tlhontsha matlho a bone a a akafalang, a sala medimo ya bone e e maila morago. Foo ba tla inyatsa ka bosi ka ntlha ya masula a maila otlhe a bone a ba a dirileng.


O tla sala dinyatsi tsa gagwe morago, mme ga a nke a di fitlhela; a di batla, mme ga a nke a di bona. Ke fa a tla re: ‘Ke tla ya ke boela kwa monneng wa me wa ntlha; gonne ka sebaka sele go ne go le molemo mo go nna bogolo go kajeno.’


Morena a nthaya a re: “Yaa gape o rate mosadi wa seaka yo o ratwang ke yo mongwe, jaaka Morena a rata Baiseraele, le fa bone ba fapogela kwa medimong e sele, ba tshwakgotswe ke dinkgwenyana tsa maswabi a moweine.”


Eferaime, nna ke a mo itse, le Iseraele ga a fitlhega fa pele ga me: Jaanong ò akafetse, Eferaime; Iseraele o itshekologile.”


Efangele ya ga Jesu Keresete, Morwa Modimo, e simologile


Morena a raya Moše a re: “Bona, o tla robala le borraago, mme morafe o, o tla sala o dira boaka ka go latela medimo e sele ya lefatshe le o tla tsenang mo go lone; teng o tla ntlogela, o senya kgolagano ya me e ke e dirileng nabo.


Ba na le matlho a a tletseng go eletsa seaka, a a sa bakeleng boleo; ba oka mewa e e sa tiang, ba na le dipelo tse di tlwaetseng megagaru, ke bana ba ba hutsegileng.


Mo phatleng ya gagwe go kwadilwe leina la bosaitsiweng go twe: “Babilone yo mogolo, mma-diaka le mma-makgapha a lefatshe.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan