Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Hagae 1:2 - Setswana 1970

2 Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Morafe o ke ba ba reng: ‘Sebaka ga se ise se tle, sebaka sa go tsosa Ntlo ya Morena.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Go bua yalo Yehova oa lintua, a re, Bathu ba, ba re, Motla ga o e si o tle, motla o ntlu ea ga Yehova e agoañ ka ona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Tšhaba e, ya re: ‘Ga se lobaka lwa rona go tla, ga se lobaka lwa ntlo ya ga Jehofa go agiwa.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Hagae 1:2
14 Iomraidhean Croise  

kgosi Joase a bitsa moperesiti Joyata le baperesiti ba bangwe a ba botsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo sa baakanye tshenyego ya Ntlo ya Modimo? Jaanong he, lo se ka lwa tlhola lo tsaya madi mo go ba lo ba itseng, mme lo a ntshetse tshenyego ya Ntlo ya Modimo.”


Jaanong ya re mafoko a lokwalo lwa ga Arethašasetha kgosi a sena go buisiwa fa pele ga Rehume molaodi le Simesai mokwaledi le balekane ba bone, ba ya ka potlako kwa Jerusalema kwa Bajuteng, ba feta ba ba emisa tirong ka thata le ka bogale.


Bajuta bone ba re: “Thata ya barwadi e fedile, mme matlakala a mantsi; ga re kgone re le rosi go aga lobota.”


Motlapa o a re: “Tau e ka fa ntle; nka bolawa mo dipatlelong.”


Go boifa batho go tlisa serai, mme yo o ikanyang Morena o tla femelwa.


Yo o elang phefo tlhoko ga a nke a jwala; yo o lebileng maru ga a nke a roba.


sebaka sa go bolaya le sebaka sa go alafa; sebaka sa go rutla le sebaka sa go aga;


Tsotlhe tse seatla sa gago se di fitlhelang go ka di dira di dire ka thata ya gago. Gonne tiro le kakanyo le kitso le botlhale ga di yo kwa felong ga baswi kwa o yang teng.


E rile ka ngwaga wa bobedi wa kgosi Dario, mo kgweding ya borataro, ka letsatsi la ntlha la kgwedi, Lefoko la Morena la tla kwa go Serubabele, morwa Salathiele, molaodi wa Juta, le Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, ka moporofeti Hakai, la re:


Mme Lefoko la Morena la tla ka moporofeti Hakai, la re:


Fela banna ba bangwe ba ba neng ba ile nae ba re: “Ga re ka ke ra kgona go bololela morafe ole, gonne o re feta ka thata.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan