Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Genese 9:3 - Setswana 1970

3 Tsotlhe tse di phelang e tla nna dijo tsa lona; ke di lo file tsotlhe fela jaaka ditlhogi tse ditala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Cotle tse ri gagabañ tse ri tserileñ, li tla na liyo tsa lona; ki li lo neile cotle, yaka morogo o motalana.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Dilo tsotlhe tse di tsamayang tse di tshelang, di tlaa nna dijo tsa lona; jaaka merogo e metala, ke di lo neile tsotlhe fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Genese 9:3
18 Iomraidhean Croise  

Ke a itse, e bile ke itse ka tlhomamo ka Morena Jesu gore ga go sepe se se itshekologileng ka bosona; mme ene yo o se kayang se itshekologile, se itshekologetse ene.


“Fela o ka tlhaba, wa ja nama ka fa keletsong yotlhe ya pelo ya gago, ka fa tshegofatsong ya Morena, Modimo wa gago, e a e go neileng mo metseng yotlhe ya gago; e ka jewa ke yo o sa itshekang le yo o itshekileng jaaka tshephe le kgama.


Jaanong le fa lo ja gongwe lo nwa kampo lo dira se sele, dirang tsotlhe go tlotla Modimo ka tsona!


Mme jaanong a go se nne ope yo o lo sekisang ka ntlha ya dijo gongwe dino, le e seng ka ntlha ya sengwe sa moletlo gongwe sa ngwedi o o rogilweng gongwe sa boSabata,


Dilo tsotlhe di letleletswe, mme ga di thuse tsotlhe; dilo tsotlhe di letleletswe, mme ga di age phuthego tsotlhe.


Yo o jang a a se nyatse ene yo o sa jeng; mme yo o sa jeng a a se atlhole yo o jang; gonne Modimo o mo amogetse.


Se se suleng le se se bolailweng ke sebata a se ka a se ja, e se re gongwe a itshekologa ka sona. Ke nna Morena.


O se ka wa senya tiro ya Modimo ka ntlha ya dijo. Dilo tsotlhe di itshekile; mme di bosula mo mothong yo o di jang ka pelaelo.


Gonne puso ya Modimo ga se go ja le go nwa, mme ke tshiamo le kagiso le boitumelo ka Mowa o o boitshepo.


A diphedi tsotlhe tsa lefatshe le dinonyane tsotlhe tsa legodimo di lo boife, di lo tshabe; di neetswe mo diatleng tsa lona mmogo le tsotlhe tse di gagabang fa fatshe le ditlhapi tsotlhe tsa lewatle.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan