Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Genese 4:4 - Setswana 1970

4 Abele le ene a tlisa tsa maitibolo a dinku tsa gagwe le mafura a tsona. Mme Morena a itumelela Abele le setlhabelo sa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi Abele le ena a lere ga maitibolo a lecomane ya gague, le ga mahura a aona. Mi Yehova a ñoka Abele le cupelo ea gague:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Abele, le ene a tlisa ga maitibolo a letsomane la gagwe, a na le mahura a lone. Mme Jehofa a itumelela Abele le tshupelo ya gagwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Genese 4:4
22 Iomraidhean Croise  

Jaanong ya re letsatsi le sena go phirima, go le lefifi thata, ga bonala sebeso se se kuang musi le kgabo ya molelo e raletse fa gare ga mehama ele.


Ya re malatsi mangwe a sena go feta, Kaine a tlisa maungo a masimo, a direla Morena tshupelo.


Lona lo bitse leina la modimo wa lona, nna ke tla bitsa leina la Morena, e le go re: Modimo o o tla arabang ka molelo, ke ona Modimo wa nnete.” Batho ba araba ba re: “Lefoko leo le siame.”


Ke fa molelo wa Morena o wa kwa legodimong, o ja setlhabelo le dikgong le majwe le mmu; wa ba wa latswa metsi a a mo moseleng.


Jaanong Dafita a agela Morena aletare gona, a baakanya ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo, mme ya re a tlhaeleletsa Moreneng, ene a mo araba ka molelo o o tswang kwa legodimong, wa wela mo aletareng ya tlhabelo ya phiso, wa ja setlhabelo.


E rile Salomo a sena go rapela, molelo wa fologa kwa legodimong, wa ja ditlhabelo tsa phiso le ditlhabelo tse di jewang, mme kgalalelo ya Morena ya tlala ka Ntlo ya Modimo


A a go romele thuso e e tswang mo Felong-ga-Boitshepo, a go kokotletse a le mo Sione.


lo neele Morena sengwe le sengwe se mmaaso a itibolang ka sona. Ditsalwapele tsotlhe tsa diruiwa tse e leng tsa gago tse ditonanyana ke tsa Morena.


Tlotla Morena ka dineo tsa khumo ya gago le tsa letlhafula la kotulo yotlhe ya gago.


Ka ba ka lemoga gore matsapa otlhe le botswerere jotlhe mo tirong di tswa mo lefufeng la motho yo o fufegelang mongwe-ka-ene. Ka re: “Selo se le sona ke boithamako fela le go tshwara lephoro.”


Molelo wa tswa kwa Moreneng, wa ja setlhabelo sa phiso le mafura mo aletareng. Ya re morafe otlhe o bona jalo, wa duduetsa, wa wela fa fatshe ka difatlhego.


Ke fa Moše a galefa thata, a raya Morena a re: “O se ka wa ngoka tshupelo ya dijo ya bone! Ga ke a ka ka amoga ope wa bone esele le e seng go utlwisa ope wa bone botlhoko.”


Le gona ga tswa molelo kwa Moreneng, wa ja banna ba le 250 ba ba tlisitseng maswalo.


“Ke go file diabe tsa lookwane lo lontle lotlhe le tsa matute a moweine a a monate otlhe le tsa mabele a a pila otlhe, e bong tse di gaisang ka molemo tsa tsona, tse ba di neelang Morena.


Fela leitibolo la kgomo gongwe la nku gongwe la podi, o se ka wa letlelela gore le rekololwe; ke maitibolo a Felo-ga-Boitshepo. Kgatsha madi a ona mo aletareng, o be o tshube mafura a ona, e le tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng.


Ke ka tumelo Abele a ntsheditseng Modimo setlhabelo se se gaisang sa ga Kaine, mme ka yona a newa tshupo ya gore o siame, ka Modimo o ne wa supa ka ga dineo tsa gagwe; mme le fa a sule, o sa ntse a bua ka yona.


Dilo tse di phepafadiwang ka madi ka fa molaong e batlile go nna tsotlhe, mme kwa ntle ga go tsholola madi ga go na boitshwarelo bope.


Mme botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba tla se obamela, ba maina a bone a sa kwalwang mo bukeng ya bophelo ya Kwana e e tlhabilweng, a sa kwalwa go tloga tshimologong ya lefatshe.


Jaanong Moengele wa Morena a tsaya thobane e a e tshotseng, a kgotla dinama le dinkgwe ka ntlha ya yona. Molelo wa bo o tswa mo lefikeng, o ja dinama le dinkgwe, mme Moengele wa Morena a nyelela mo matlhong a gagwe.


Mme Samuele a re: “A ditlhabelo tsa phiso le tse di jewang di kgatlha Morena jaaka go utlwa lentswe la Morena? Nnyaya go utlwa go gaisa setlhabelo; go reetsa go phala mafura a diphelehu!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan