Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Genese 4:2 - Setswana 1970

2 A boela a belega Abele monnawe. Abele a nna modisa wa dinku, Kaine a nna molemi wa masimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi a hela a sa bona Abele monnaue. Mi Abele a na morisi oa liñku, mi Kaene a na molemi oa ombu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Gape a bona Abele, monnawe. Abele e ne e le modisa wa dinku, Kaine e le molemi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Genese 4:2
19 Iomraidhean Croise  

Ke ka moo Morena Modimo o mo ntshitseng mo tshimong ya Etene gore a ye go lema mmu o a ntshitsweng mo go ona;


Iseraele a raya Josefa a re: “A ga ke re, bomogoloo ba fudisa kwa Šegeme? Tlaya, ke go rome kwa go bone.” A mo araba a re: “Ke fano.”


Atame o ne a itse Efa, mosadi wa gagwe; ke fa a nna moimana, a belega Kaine a re: “Ke bonye monna ka thuso ya Morena.”


Ya re malatsi mangwe a sena go feta, Kaine a tlisa maungo a masimo, a direla Morena tshupelo.


Jaanong Farao a ba botsa a re: “Tiro ya lona ke eng?” Ba araba Farao ba re: “Rona batlhanka ba gago re badisa ba matsomane jaaka borraetsho.”


Jaanong Noa a simolola go nna molemi wa masimo; a dira tshimo ya moweine.


Bona, basimane ke neo ya Morena; leungo la sebopelo ke tuelo.


Moše o ne a ntse a disa letsomane la ga Jetoro mogwagwadiagwe, moperesiti wa Midiane. O kile a disa letsomane, a fetile sekaka, a fitlha kwa thabeng ya Modimo ya Horebe.


Ke fa Morena a ntsaya ke setse letsomane morago, mme Morena a nthaya a re: ‘Yaa o bolelele Baiseraele, morafe wa me, Lefoko la Modimo.’


Jalo madi a baporofeti botlhe a a tsholotsweng go tloga tlholegong ya lefatshe a busolosediwa losika lo,


go simolola ka madi a ga Abele go tla mo mading a ga Sagaria yo o swetseng fa gare ga aletare le Tempele. Ee, ke lo raya ke re: A tla busolosediwa losika lo.


Lona lo tswa mo go rraeno Diabolo, lo bile lo rata go dira dikeletso tsa ga rraeno. Ene e ne e le mmolai wa batho go tswa tshimologong, ga a a ka a tlhomama mo boammaaruring; ka gonne ga go na boammaaruri bope mo go ene. Fa a bua maaka, o bua se ene a leng sona; gonne ke ene moaki le rraa-maaka.


Ke sona se go bonalang ka sona ba e leng bana ba Modimo le ba e leng bana ba ga Diabolo; mongwe le mongwe yo o sa direng tshiamo ga se wa Modimo, le ene yo o sa rateng modumedi-ka-ene o ntse jalo.


e seng jaaka Kaine yo e neng e le wa yo-o-bosula, a bolaya monnawe. Mme o mmolaetseng? E ne e le ka ditiro tsa gagwe di le bosula, mme tsa ga monnawe di siame.


Mongwe le mongwe yo o tlhoileng morwa-rraagwe ke mmolai, mme lo itse gore ga go mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan