Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Genese 2:3 - Setswana 1970

3 Mme Modimo wa tshegofatsa letsatsi la bosupa, wa le itshepisa; ka gonne Modimo o ne wa ikhutsa ka lone o sena go fetsa tiro yotlhe ya ona e o e tlhodileng ka go e dira.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi morimo oa tsegahatsa letsatsi ya bo seven, mi oa le itsephisa: gone o lo oa ikhutsa mo tihoñ eotle ea ona e Morimo o e tlorileñ go e riha, ka yeona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Modimo wa segofatsa letsatsi la bosupa, wa le itshepisa, gonne mo go lone o ne wa ikhutsa mo tirong yotlhe ya one, e Modimo o e tlhodileng wa e dira.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Genese 2:3
22 Iomraidhean Croise  

Jaanong Modimo wa leba dilo tsotlhe tse o di dirileng, wa fitlhela di le molemo thata. Mme ga nna mantsiboa ga ba ga nna moso, e le letsatsi la borataro.


Ka letsatsi la bosupa Modimo o ne wa wetsa tiro ya ona e o e dirileng; wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa, o sena go fetsa tiro yotlhe ya ona e o e dirileng.


Ditirafalo tsa legodimo le lefatshe, fa di tlholwa, ke tse: E rile ka motlha o Morena Modimo o dirileng lefatshe le legodimo ka ona


Wa ba itsise Sabata yo o boitshepo wa gago, wa ba beela ditaolo le mekgwa le molao ka Moše, motlhanka wa gago.


“Dira ditiro tsa gago ka malatsi a marataro, mme o ikhutse ka letsatsi la bosupa gore kgomo ya gago le esele ya gago di ikhutse; le gore morwa lelata la gago le moeng ba lapologe.


“Dirang ditiro tsa lona ka malatsi a marataro, mme ka letsatsi la bosupa lo ikhutse; le fa go lemiwa gongwe go kotulwa lo ikhutse.


Tshegofatso ya Morena ke yona e e humisang; matsapa a motho ga a e okeletse sepe.


Le gona ka ba naya boSabata ba me gore e nne sesupo fa gare ga me le bone, gore ba itse fa e le nna Morena yo ke ba itshepisang.


Tiro a e dirwe ka malatsi a marataro, mme letsatsi la bosupa ke la Sabata la boikhutso jo bo tletseng ke la pitso e e boitshepo ya Morena. Lo se ka lwa dira tiro epe ka lone. Ke la Sabata la Morena mo mafelong otlhe kwa lo nnang teng.


A ba a ba raya a re: “Sabata o dirilwe ka ntlha ya motho, e seng motho ka ntlha ya Sabata.”


Ya re ba sena go boa, ba baakanya makga le ditlolo; mme ba ikhutsa ka Sabata ka fa molaong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan