Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Genese 10:4 - Setswana 1970

4 Bomorwa Jafane ke Elisa le Tharesise le Bakhithime le Badotane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi bomoroa Yavane; e le le Elishe, le Taresheshe, le Kitime, le Dodanime.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Bomorwa Jafane ke Eliša, le Tarešiše, le Kitime, le Dotanime.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Genese 10:4
10 Iomraidhean Croise  

Ditšhaba tse di anameng tsa dinaga tse di fa lewatleng di tswa mo go bao. Ke bone bomorwa Jafethe le mafatshe a bone le dipuo tsa bone le ditso tsa bone le ditšhaba tsa bone.


Bomorwa Jafane ke Elisa le Tharesise le Bakhithime le Barotanime.


Taelo ya Modimo ka ga Tiro. Goang, lona mekoro ya Tharesise. Gobane motse oo o sentswe; ga go na ntlo, go tla kwa gae ga go teng. Ba itsisitswe jalo ba le kwa lefatsheng la Khithime.


a re: “O se ka wa tlhola o itumela, wena lekgarebe le le sentsweng, morwadia Sitone! Huduga o tshelele kwa Khithime. Mme le teng koo ga o nke o bona boikhutso.”


“ ‘Ba Tharesise ba ne ba rekisanya nao ka ntlha ya bontsi jwa dithoto tsa gago; ba ntsha selefera la tshipi le thini le llota, ba reka dithoto tsa gago ka tsona.


Mekoro ya Tharesise e ne e tsamaisa tsa kgwebo ya gago. “ ‘Wa huma jalo, wa tlotlega thata mo lewatleng.


Mahuduo a gago ba a dirile ka dikgong tsa eike tsa Basane; thulelo ya gago ba e dira ka dipati tsa mesiperese tse di tswang kwa ditlhakatlhakeng tsa Khithime, di manegilwe dinaka tsa ditlou.


Diseile tsa gago e ne e le masela a mantle a a mebalabala a kwa Egepeto, go nna sefoka sa gago. O ne o itiretse leobo ka masela a matala le a mahibidu a a tswang kwa ditlhakatlhakeng tsa Elisa.


Gonne go tla tswa mekoro kwa Khithime, e tla go lwa nayo. “Jaanong e tla tlhoboga, e boa, e itšhwesa pelo ka kgolagano e e boitshepo, e be e boa, e gadimile ba ba tlogetseng kgolagano e e boitshepo.


Dikepe di tla tswa ntlheng ya Bakhithime, beng ba tsona ba tla gatelela Baasiria, ba gatelela boora Ebere, mme le bona ba tla ya tatlhegong.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan