Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Genese 10:2 - Setswana 1970

2 Bomorwa Jafethe ke Gomere le Magogo le Matai le Jafane le Thubale le Mesege le Thirase.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Bomoroa Yapete; e le le Gomere, le Magoge, le Madae, le Yavane, le Tubale, le Mesheke, le Tirase.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Bomorwa Jafethe ke Gomere le Magoge, le Matai, le Jafane, le Tubale, le Mešeke, le Tirase.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Genese 10:2
16 Iomraidhean Croise  

Losika lwa bomorwa Noa Seme le Hame le Jafethe ke lo. Ba ne ba tsalelwa bomorwa morago ga morwalela wa metsi.


Mme Seme, rraa-Bahebere botlhe, mogoloa Jafethe, le ene a tsalelwa bana.


A Modimo o bulele Jafethe mafatshe, a a nne mo ditenteng tsa ga Seme, mme Kanana e nne motlhanka wa gagwe!”


Ka ngwaga wa robongwe wa puso ya ga Hosea kgosi ya Asiria ya thopa Samaria, ya isa Baiseraele mo botshwarong kwa Asiria, ya ba baya kwa Hala le fa Habore noka ya Gosane le mo metseng ya Media.


A tatlhego ya me wee, ka ke jakile mo Mesege, ka ke agile fa ditenteng tsa Ketare!


Mme ke tla ba direla sesupo, ke romela ba ba falotseng ba bone kwa ditšhabeng, kwa Tharesise le kwa Phule le kwa Lute, ba ba hulang ka bora, le kwa Thubale le kwa Jafane le kwa dintshing tsa mawatle tse di kgakala, ba ba iseng ba utlwe lefoko ka ga me, ba ba iseng ba bone kgalalelo ya me, mme ba tla itsise ditšhaba kgalalelo ya me.


Ba Wetane le Jawane ba ne ba ntsha tshipi ya mothudi e e tswang kwa Usale, ba reka tsa gago ka yona. Ditswaiso tsa kasia le kalamuse di ne di rekisiwa mo go wena.


Diseile tsa gago e ne e le masela a mantle a a mebalabala a kwa Egepeto, go nna sefoka sa gago. O ne o itiretse leobo ka masela a matala le a mahibidu a a tswang kwa ditlhakatlhakeng tsa Elisa.


“Mesege le Thubale ke bale le bontsi jotlhe jwa bone, ba mo tikologong ya diphupu tsa bone. Botlhe ke ba ba sa rupang, ba bolailwe ka tšhaka, gonne ba ne ba reregisa ba ba phelang mo lefatsheng.


ò tle ò tswe kwa felong ga gago kwa mafelelelong a bokone, wena le merafe e mentsi e na nao; botlhe ba palame dipitse. Ke bontsi jo bogolo, ke mephato e mentsi.


“Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa go Gogo, lefatsheng la Magogo, yo e leng kgosi ya Roše le Mesege le Thubale, ò mo rerele, ò mo kgalemele


le Gomere le mephato yotlhe ya gagwe, le ba losika lwa ga Thogarama ba ba kwa mafelelelong a bokone le mephato yotlhe ya gagwe. Ke merafe e mentsi e e nang nao.


“Wena morwa-motho, rerela Gogo, mmolelele petso pele ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bona, ke tla lwa nao, wena Gogo, kgosi ya Roše le Mesege le Thubale.


a bolole go timetsa merafe kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe, e bong Gogo le Magogo, go ba phuthela ntweng, ba palo ya bone e leng e e kana ka motlhaba wa lewatle.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan