Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Genese 1:4 - Setswana 1970

4 Modimo wa bona lesedi fa le le molemo. Ke fa Modimo o kgaoganya lesedi le lefifi,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi Morimo oa bona leseri ha le le molemo: mi Morimo oa khaoganya ha gare ga leseri le lehihi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Modimo wa bona lesedi fa le le molemo; mme Modimo wa farologanya lesedi mo lefifing.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Genese 1:4
10 Iomraidhean Croise  

Modimo wa bitsa mmu o o omileng “Lefatshe”, phuthegelo ya metsi yona wa e bitsa “Lewatle”. Modimo wa bona, fa go le molemo.


Ke fa lefatshe le tlhoga botala jo bonana, e bong merogo e e nang le peo ka fa mefuteng ya yona, le ditlhare tse di ungwang maungo ka fa mefuteng ya tsona a peo ya tsona e leng mo teng ga ona. Modimo wa bona, fa go le molemo.


a laole motshegare le bosigo, a kgaoganye lesedi le lefifi. Modimo wa bona, fa go le molemo.


Modimo wa dira diphologolo tsa naga ka fa mefuteng ya tsona le diruiwa ka fa mefuteng ya tsona le digagabi tsotlhe tsa naga ka fa mefuteng ya tsona. Modimo wa bona, fa go le molemo.


Jaanong Modimo wa leba dilo tsotlhe tse o di dirileng, wa fitlhela di le molemo thata. Mme ga nna mantsiboa ga ba ga nna moso, e le letsatsi la borataro.


Morena, a dibopiwa tsotlhe tsa gago di go leboge, a baratwa ba gago ba go bake.


Morena o molemo mo go botlhe, boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo okame ditiro tsotlhe tsa gagwe.


Lesedi le monate; go bona letsatsi go kgatlha matlho.


Ka lemoga gore botlhale bo gaisa bosilo jaaka lesedi le phala lefifi.


Ke nna yo ke bopang lesedi, le gona ke tlhola lefifi; ke dira pholoso, le gona ke tlhola tatlhego. Ke nna Morena yo o dirang dilo tsotlhe tse.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan