Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Genese 1:3 - Setswana 1970

3 Modimo wa re: “A go nne lesedi!” Mme lesedi la nna teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi Morimo oa re, A go ne leseri: mi ga na leseri.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Modimo wa re: “A go nne lesedi.” Ga nna lesedi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Genese 1:3
22 Iomraidhean Croise  

Ditirafalo tsa legodimo le lefatshe, fa di tlholwa, ke tse: E rile ka motlha o Morena Modimo o dirileng lefatshe le legodimo ka ona


Bonang, o phutholola lesedi la ona mo tikologong ya ona, o khurumetsa mateng a lewatle.


Tsela e kae e e yang kwa lesedi le nnang teng? Le felo ga lefifi go kwa kae?


O ikapesa lesedi jaaka kobo, o phutholola legodimo jaaka lesela la tente.


Morena ke Modimo, mme o re neile lesedi. Bofang seruiwa sa tlhabelo ya moletlo ka dikgole gore se fitlhe fa dinakeng tsa aletare.


A di bake leina la Morena; gonne o laotse, mme tsa tlholega.


Magodimo a dirilwe ka lefoko la Morena, le lesomo lotlhe la ona ka mowa wa molomo wa gagwe.


Gonne o buile, mme ga direga; a laola, ga ba ga nna teng.


Lesedi le tlhabetse mosiami, le boitumelo bo bonaletse ba ba dipelo di thokgameng.


Ke nna yo ke bopang lesedi, le gona ke tlhola lefifi; ke dira pholoso, le gona ke tlhola tatlhego. Ke nna Morena yo o dirang dilo tsotlhe tse.


“Letsatsi ga e nke e tlhola e nna lesedi la gago motshegare; phatsimo ya ngwedi ga e tlhole e go bonegela bosigo, mme Morena o tla nna lesedi le le sa khutleng la gago; Modimo wa gago o tla nna kgalalelo ya gago.


Jesu a ntsha letsogo, a mo ama a re: “Ke a rata, phepafala!” Mme a akofa a fola lepero la gagwe.


Lesedi le ntse le phatsima mo lefifing mme lefifi ga le a ka la le amogela.


Lesedi la boammaaruri le le bonegelang motho mongwe le mongwe e ne e le ene yo o tlang mo lefatsheng.


Ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le legolo a re: “Lasaro, tswela kwano!”


Mme katlholo ke e: Lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula.


gonne Modimo o o rileng: “A lesedi le phatsime mo lefifing!” ke ona o o sedifaditseng dipelo tsa rona, e le go bonesiwa go ka lemoga kgalalelo ya Modimo mo sefatlhegong sa ga Jesu Keresete.


Ke ka moo go tweng: “Thanya, wena yo o robetseng, o tsoge mo baswing, mme Keresete o tla go sedifatsa.”


Gonne lo kile lwa bo lo le lefifi, mme jaanong lo lesedi mo Moreneng; tsamayang jaaka bana ba lesedi –


Ke ene fela yo o nang le bosasweng, yo o agileng mo leseding le le sa ka keng la atamelwa, yo o iseng a ke a bonwe ke motho ope, yo o sa ka keng a bonwa ke ope. Ke ene yo o tshwanetsweng ke tlotlo le puso e e sa khutleng. Amen.


Molaetsa o re o utlwileng mo go ene, o e bileng re o lo begela ke wa go re: Modimo ke lesedi, mme ga go na lefifi lepe mo go ona.


Le fa go ntse jalo ke lo kwalela taolo e ntšhwa, gona ke nnete mo go ene le mo go lona; gonne lefifi le a anoga, mme lesedi la boammaaruri le setse le phatsima.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan