Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Genese 1:2 - Setswana 1970

2 Lefatshe la bo le tobekanye, le se na sepe, go le lefifi godimo ga bodiba; Mowa wa Modimo o kala mo godimo ga metsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi lehatsi le le tobekanye, le sina sepe; mi gole lehihi ha gorimo ga boteñ. Mi Moea oa Morimo oa elama gorimo ga metse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Lefatshe la bo le tobekanye fela, go sa itsege sepe; mme lefifi la bo le ntse fa godimo ga boteng. Mowa wa Modimo wa elama fa godimo ga metsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Genese 1:2
17 Iomraidhean Croise  

Bonang, tseo ke makhutlo a ditsela tsa ona fela. Tse re di utlwang ka ga ona ke tsa go sebasebelwa fela, mme modumo wa thata ya ona ke mang yo o ka o tlhaloganyang?”


Ona o tsharolola bokone godimo ga lolea; o lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe.


fa ke dira maru diaparo tsa lone le lefifi le lentsho lesela la lone?


E phatsimisa metsi fa morago ga yona; motlhala wa yona o tshwana le moriri o mmududu.


fa o roma mowa wa gago, di a tlholega; o tlhabolola sefatlhego sa lefatshe.


O no o le khurumeditse ka morwalela jaaka ka seaparo, metsi a ne a eme godimo ga dithaba,


Yo o ngamotseng lefatshe godimo ga metsi; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.


Bakang Morena, lo le mo lefatsheng, lona dikgwanyape tsa mawatle le madiba otlhe,


Magodimo a dirilwe ka lefoko la Morena, le lesomo lotlhe la ona ka mowa wa molomo wa gagwe.


E rile go se na mawatle, go se na metswedi e e tletseng metsi, ka tsalwa.


Morena wa masomosomo o tla sireletsa motse wa Jerusalema jaaka go dira dinonyane ka diphuka; o tla o femela, a o pholosa, a o rekegela, a o thusa.


Gonne Morena, Motlhodi wa legodimo, yo e leng Modimo o le osi fela, yo o bopileng lefatshe, a le dira, a le thaya – ga a le bopela gore le nne senya, mme o le bopetse gore batho ba nne mo go lone – o bua jaana a re: “Ke nna Morena, ga go na ope o sele.


Ke ne ka leba lefatshe, ka fitlhela le tobekanye, le se na sepe; le legodimo le se na lesedi la lone.


Ninife o thukhuthilwe, ga go na sepe, o ntshitswe sekaka. Ba nyemile moko, mangole a a tetesela, matheka otlhe a botlhoko; ba botlhe ba swabile difatlhego.


gonne Modimo o o rileng: “A lesedi le phatsime mo lefifing!” ke ona o o sedifaditseng dipelo tsa rona, e le go bonesiwa go ka lemoga kgalalelo ya Modimo mo sefatlhegong sa ga Jesu Keresete.


jaaka ntswi e tsosa bana ba sentlhaga sa yona, e kala godimo ga mamphorwana a yona, e tsharolola diphuka tsa yona, e a tshola, e a rwala mo diphukeng tsa yona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan