Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Genese 1:1 - Setswana 1970

1 Modimo o tlhodile legodimo le lefatshe mo tshimologong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MORIMO o lo oa tlola magorimo le lehatsi mo tsimologoñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 E rile mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Genese 1:1
67 Iomraidhean Croise  

Hesekia a ba a rapela fa pele ga Morena a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, yo o ntseng godimo ga boKerubime. Ke wena Modimo o le wesi fela wa magosi aotlhe a lefatshe. Wena o dirile legodimo le lefatshe.


Gonne medimo yotlhe ya merafe ke ditshwantsho fela, mme Morena o dirile legodimo.


Hurame kgosi ya Tiro a araba ka lokwalo, a lo romela Salomo a re: “E re ka Morena a rata morafe wa gagwe, o go dirile kgosi ya one.”


Esera a rapela a re: “Ke wena Morena o le wesi; ke wena o dirileng legodimo, legodimo la magodimo le lesomo lotlhe la lone le lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone le mawatle le tsotlhe tse di mo go ona; ke wena o di phedisang tsotlhe, mme lesomo la legodimo le a go obamela.


Go sedifetse kwa legodimong ka phefo ya ona; seatla sa ona se phololetsa noga e e lobelo.


E rile ke thaya lefatshe, wa bo o le kae? Bolela, fa o na le kitso!


Legodimo o le tsharolola o le osi, o gate mo godimo ga dintelo tsa lewatle.


Mme ka re: “Modimo wa me, se ntlose mo gare ga malatsi a me; dinyaga tsa gago ke tsa tlhatlologano ya ditshika.”


Ditiro tsa gago, Morena, kana di methalethale jang! O dirile tsotlhe ka botlhale; lefatshe le tletse ditlhodiwa tsa gago.


fa o roma mowa wa gago, di a tlholega; o tlhabolola sefatlhego sa lefatshe.


Lo tshegofaditswe ke Morena yo o dirileng legodimo le lefatshe.


Thuso ya me e tswa Moreneng yo o dirileng legodimo le lefatshe.


Thuso ya rona e mo leineng la Morena, Modiri wa legodimo le lefatshe.


A Morena a go tshegofatse, a le mo Sione, ena yo o dirileng legodimo le lefatshe!


Yo o dirileng legodimo ka botlhale; gonne bopelothomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.


yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona; yo o bolokang boammaaruri ka bosakhutleng;


Magodimo a dirilwe ka lefoko la Morena, le lesomo lotlhe la ona ka mowa wa molomo wa gagwe.


Gonne o buile, mme ga direga; a laola, ga ba ga nna teng.


O itiretse tumiso e kgolo, e tswa mo melomong ya bana le ya masea, ka ntlha ya baganetsi ba gago, gore o didimatse baba le baipusolosetsi.


Fa ke lebile magodimo a gago, tiro ya menwana ya gago le ngwedi le dinaledi tse o di tlhomileng –


Pele dithaba di ise di tsalwe, o ise o tlhole lefatshe le lebopo, wena o ntse o le Modimo go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng.


Gonne medimo yotlhe ya merafe ga se ya sepe; mme Morena o dirile magodimo.


Ka gonne Morena o dirile legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona ka malatsi a le marataro, mme a ikhutsa ka letsatsi la bosupa. Ke ka moo Morena a tshegofaditseng letsatsi la Sabata, a le itshepisa.


E rile Morena a sena go fetsa go bua le Moše kwa thabeng ya Sinai, a mo neela matlapa a mabedi a molao, e le matlapa a maboti a a kwadilweng ke monwana wa Modimo.


Morena o bopetse dilo tsotlhe maikaelelo a gagwe; ee, le moikepi o mmopetse letsatsi la tatlhego.


Morena o theile lefatshe ka botlhale; a tlhomamisa legodimo ka tlhaloganyo.


Gopola Mmopi wa gago o sa le mošwa go ise go tle malatsi a a bosula; go ise go atamele dinyaga tse o tla reng ka tsona: “Ga di nkgatlhe,”


“Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, yo o ntseng godimo ga boKerubime! Ke wena Modimo o le wesi fela wa magosi aotlhe a lefatshe. Wena o dirile legodimo le lefatshe.


A ga lo itse? A ga lo ise lo utlwe? A ga lo a itsisiwe go tswa tshimologong? A ga lo a tlhaloganya go tswa tlholegong ya lefatshe?


Tsholetsang matlho, lo lelale! Ke mang yo o tlhodileng dilo tsele? Ke ene yo o bolotsang lesomo la tsona ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. E re ka a na le thata e kgolo, ka e le senatla se se nonofileng, ga go tlhokafale sepe sa tsona.


A o ne o sa itse, gongwe a ga o ise o utlwe, fa Morena e le Modimo o o sa khutleng, o o tlhodileng makhutlo a lefatshe? Ga a lape, ga a felelwe ke thata; tlhaloganyo ya gagwe ga e tlhotlhomisiwe.


Modimo Morena yo o tlhodileng legodimo, a le phutholola; yo o adileng lefatshe le tse di tlhogang mo go lone; yo o nayang batho ba ba mo go lone bophelo, ba ba tsamayang mo go lone mowa, o bua jaana a re:


Morena, Mogolodi wa gago, yo o go bopileng go tswa mo mmeleng wa ga mmaago, o bua jaana a re: “Ke nna Morena yo o dirileng dilo tsotlhe. Ka phutholola legodimo ke le nosi. Ka ala lefatshe – yo o neng a na le nna ke mang?


Gonne Morena, Motlhodi wa legodimo, yo e leng Modimo o le osi fela, yo o bopileng lefatshe, a le dira, a le thaya – ga a le bopela gore le nne senya, mme o le bopetse gore batho ba nne mo go lone – o bua jaana a re: “Ke nna Morena, ga go na ope o sele.


O tla bo o le mang, fa o lebala Morena yo o go dirileng, yo o phuthololang legodimo, a thaya lefatshe; fa o tlhola o boifa kgalefo ya mogateledi letsatsi lotlhe, motlhang a iketleeleditseng go senya? Mme jaanong e kae, kgalefo ya mogateledi?


Ke beile mafoko a me mo molomong wa gago, ka go khurumetsa ka moriti wa seatla sa me gore ke phutholole legodimo, ke thae lefatshe, ke ree Sione ke re: ‘O morafe wa me.’ ”


“Gonne bonang, ke tla tlhola legodimo le lešwa le lefatshe le lešwa; mme dilo tsa pele ga di kitla di gopolwa le e seng go di gakologelwa ka pelo.


Ke Morena yo o dirileng lefatshe ka thata ya gagwe, a le tlhomamisa ka botlhale jwa gagwe; le gona o tsharolotse legodimo ka tlhaloganyo ya gagwe.


“Ao! Morena Modimo, bona, o dirile legodimo le lefatshe ka thata e kgolo ya gago le ka letsogo le le otlologileng la gago. Ga go na tiro epe e e go palelang.


Go bua yo o dirileng lefatshe ka thata ya gagwe, yo o tlhomamisitseng lefatshe ka botlhale jwa gagwe, le gona o tsharolotse legodimo ka tlhaloganyo ya gagwe.


Taelo ya Modimo. Lefoko la Morena ka ga Iseraele. Go buile Morena yo o phuthololang legodimo, yo o thayang motheo wa lefatshe, yo o bopang mowa wa motho mo teng ga gagwe a re:


Ka nako eo Jesu a bua a re: “Ke a go boka, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka ò fitlhetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang dilo tse, mme ò di senoletse ba ba sa rutegang.


Gonne malatsi ao e tla nna a pitlagano, jaaka go ise go ke go nne go tloga ka tshimologo ya tlholego e Modimo o e tlhodileng go tla nakong eno; le gona ga go nke go tlhola go nna jalo ka motlha ope.


ba re: “Banna, lo direlang jalo? Kana le rona re batho fela jaaka lona, re lo rerela Efangele gore lo tlogele medimo e e seng yona, lo sokologele kwa Modimong o o phelang, o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona;


Modimo o o dirileng lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone, ona, ka e le Morena wa legodimo le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla;


Ya re bone ba sena go utlwa, ba tlhatlosetsa mantswe kwa Modimong ka bongwefela jwa pelo ba re: “Morena, wena yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona;


Gonne dilo tsotlhe di tswa go ene, di teng ka ene, di ya go ene. Tlotlo a e nne ya gagwe ka bosakhutleng! Amen.


le fa go ntse jalo re na le Modimo o le mongwe fela, Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, yo re bopetsweng ene; le Morena a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete yo dilo tsotlhe di leng ka ene, yo le rona re leng ka ene.


le go sedimosetsa botlhe se e leng tirafatso ya bosaitsiweng jo go tswa tshimologong bo neng bo fitlhegile mo Modimong o o tlhodileng dilo tsotlhe ka Jesu Keresete,


Gape wa re: “Wena Morena, o theile lefatshe mo tshimologong, magodimo ke ditiro tsa diatla tsa gago.


wa bua le rona mo bofelong jwa malatsi ano ka Morwaa-ona yo o mmeileng morua-boswa wa dilo tsotlhe, yo e bileng o dirile mafatshe ka ene.


Ke ka tumelo re tlhaloganyang gore lefatshe le dirilwe ka Lefoko la Modimo; ke go re, dilo tse di bonwang ga di a ka tsa dirwa ka dilo tse di bonalang.


Gonne ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke motho, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.


Gonne ba itebaditse ka bomo gore magodimo a sa le a nna teng bogologolo, le gore lefatshe le le tswang mo metsing le ka thata ya metsi le dirilwe ka Lefoko la Modimo.


Re lo anegela se se neng se le teng go tloga tshimologong, se re se utlwileng, se re se bonyeng ka matlho a rona, se re se lebileng, se diatla tsa rona di se fophotseng, e bong sa Lefoko la botshelo –


a ikana ka ene yo o phelang ka bosakhutleng, yo o tlhodileng legodimo le tse di mo go lone le lefatshe le tse di mo go lone le lewatle le tse di mo go lone, a ikana a re: “Sebaka ga se nke se tlhola se nna teng.


A bua ka lentswe le legolo a re: “Boifang Modimo, lo o obegele; ka gonne nako ya katlholo ya ona e tsile; lo obamele ona o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.”


A ba a nthaya a re: “Go dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tla mo nosa mo motsweding wa metsi a botshelo, e se ka sepe.


Ke nna Alefa le Omega, wa ntlha le wa bofelo, tshimologo le bokhutlo.


“Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Laodikea o re: ‘Yo e leng Amen, mosupi yo o boikanyo le boammaaruri, mosimolodi wa lobopo lwa Modimo, o bua jaana a re:


“Morena, Modimo wa rona, o tshwanetse go amogela kgalalelo le tlotlo le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, tsa nna teng, di bopilwe ka fa thatong ya gago.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan