Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 9:3 - Setswana 1970

3 foo letsogo la Morena le tla itaya diruiwa tsa gago tse di mo nageng, e bong dipitse le diesele le dikammele le dikgomo le dinku ka leroborobo le le setlhogo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Bona, atla sa ga Yehova se tla na mo likhomuñ tsa gago tse ri kua nageñ, le mo lipitseñ le mo lieseleñ, le mo likameleñ, le mo matlapeñ, le mo lihutsaneñ, ka pesetelense e kholu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 bona, seatla sa ga Jehofa se mo kgomong ya gago e e mo nageng, le mo dipitseng, le mo dieseleng, le mo dikameleng, le mo matlhapeng, le mo matsomaneng; go tlaa nna kgogodi e e boitshegang mo go tsone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 9:3
9 Iomraidhean Croise  

Ke fa ba ntsha diruiwa tsa bone, ba di neela Josefa. Mme Josefa a rekisa dijo mo go bona ka dipitse le diruiwa tsa matsomane le metlhape le diesele; a ba tlamela ka dijo, ba di reka ka diruiwa tsotlhe tsa bone, ka ona ngwaga oo.


Ke didimetse, ga ke tswe molomo; gonne go dirile wena.


Bone ba re: “Modimo wa Bahebere o kgatlhanye le rona. Nte re ye kwa sekakeng ka leeto la malatsi a le mararo, re direle Morena, Modimo wa rona, ditlhabelo, e se re gongwe a re wela ka leroborobo gongwe ka tšhaka.”


Farao ga a ka ke a lo utlwa, mme ke tla baya seatla sa me mo Egepeto, ke hudusa mephato ya me, e bong morafe wa me wa Baiseraele, mo lefatsheng la Egepeto ka dipetso tse dikgolo.


Ke fa dingaka di raya Farao di re: “Ke tiro ya Modimo.” Mme pelo ya ga Farao ya nna e thatafetse, a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse pele.


“Ke rometse leroborobo mo go lona jaaka kwa Egepeto, ka bolaya makau a lona ka tšhaka; dipitse tsa lona tsa thopiwa, ka tlhatlosa sebodu sa bothibelelo jwa lona, sa ba sa lo nkgela mo dinkong tsa lona, mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena.


Jaanong bona, letsogo la Morena le mo go wena, mme o tla nna sefofu, o sa bone letsatsi sebaka.” Ga ba ga wela leoto le lefifi mo go ene ka bonako; a nna a dikologa, a batla ba ba ka mo gogang ka letsogo.


Mme elang tlhoko: Fa le ya kwa nageng ya lone, le tlhatlogela kwa Betšhemeše, foo e tla bo e le ona Modimo o o re diretseng petso e kgolo e; mme fa go sa nna jalo, foo re tla itse gore ga se letsogo la ona le le re iteileng. Ke kotsi fela e e re wetseng e sa romelwa ke ope.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan