Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 9:12 - Setswana 1970

12 Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao gore a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse Moše.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi Yehova a thatahatsa pelu ea ga Faroe, mi a si ka a ba retsa; yaka Yehova a la a bua le Moshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Jehofa a thatafatsa pelo ya ga Faro, a se ka a ba reetsa; fela jaaka Jehofa a buile le Moše.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 9:12
13 Iomraidhean Croise  

Morena a ba a raya Moše a re: “Yaa kwa go Farao; gonne ke thatafaditse pelo ya gagwe le dipelo tsa batlhanka ba gagwe gore ke dirafatse ditshupo tsa me tseo mo gare ga bone.


Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao gore a se lese Baiseraele go tsamaya.


Moše le Arone ba ne ba dira dikgakgamatso tsotlhe tseo fa pele ga Farao, mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao mo a sa kgoneng go lesa Baiseraele go huduga mo lefatsheng la gagwe.


Mme Morena o ne a foufaditse pelo ya Farao, kgosi ya Egepeto, gore a latele Baiseraele, a sa bone gore Baiseraele ba hudugile ka letsogo la Morena le le tsholetsegileng.


Morena a laela Moše jaana a re: “E re ka o le mo tseleng go boela kwa Egepeto, o tlhokomele gore o dire dikgakgamatso fa pele ga Farao tse ke di tsentseng mo diatleng tsa gago. Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya gagwe, mo a se neng a leseletsa morafe go ka huduga.


Farao ga a ka ke a lo utlwa, mme ke tla baya seatla sa me mo Egepeto, ke hudusa mephato ya me, e bong morafe wa me wa Baiseraele, mo lefatsheng la Egepeto ka dipetso tse dikgolo.


Ke fa Farao a romela go ya go tlhola, a fitlhela go sa swa sepe sa diruiwa tsa Baiseraele, mme pelo ya ga Farao ya nna e ntse e thatafetse, a se ka a rebola morafe go tsamaya.


“O foufaditse matlho a bone, a thatafatsa dipelo tsa bone gore ba se bone ka matlho le e seng go tlhaloganya ka pelo, ba tloga ba sokologa, mme ka ba fodisa.”


Ke ka moo o itshwarelang yo o ratang go mo itshwarela; e bile o thatafatsa pelo ya yo o ratang go e thatafatsa mo go ene.


Gonne e ne e le Morena yo o thatafatsang dipelo tsa bone, mo ba bololang go tlhabana le Baiseraele gore bone ba dirafatse khutso ya Modimo mo go bone, mme ba se ka ba bona bopelotlhomogi bope, mme ba ba fedise jaaka Morena a laotse Moše.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan