Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 8:8 - Setswana 1970

8 Ke fa Farao a bitsa Moše le Arone a re: “Nthapeleleng Morena gore a tlose digwagwa mo go nna le mo morafeng wa me. Foo ke tla naya morafe tsela gore o ye go direla Morena ditlhabelo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 ¶ Mi Faroe a bitsa Moshe le Arone, mi a re, Rapelañ Yehova go tlosa liguagua go ’na le mo bathuñ ba me, mi ki tla lesa bathu ba ea, gore ba shupele Yehova.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Foo Faro a bitsa Moše le Arone a re: “A lo ko lo rapeleng Jehofa gore a tlose digwagwa mo go nna le mo bathong ba me, mme ke tlaa lesa batho ba tsamaya gore ba isetse Jehofa tlhabelo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 8:8
24 Iomraidhean Croise  

Ke fa kgosi e simolola go bua, e raya monna wa Modimo e re: “A ko o kope bopelotlhomogi mo sefatlhegong sa Morena, Modimo wa gago, o nthapelele gore letsogo la me le boele go nna.” Monna wa Modimo a kopa bopelotlhomogi mo sefatlhegong sa Morena. Mme letsogo la kgosi la boela kwa go yona, la nna jaaka pele.


Rayang Modimo lo re: “Ditiro tsa gago di tlotlometse jang ne! Baba ba gago ba tla go tlakisa ka ntlha ya bogolo jwa thata ya gago.


Ke fa Farao a bitsa Moše le Arone ka potlako a re: “Ke leofetse Morena, Modimo wa lona, le lona ke lo leofetse.


Mme jaanong a ko lo itshwarele boleo jwa me gangwe fela e le la bofelo, lo rapele Morena Modimo wa lona gore a tlose loso loo mo go nna.”


Jaanong Moše a tswa, a tlogela Farao, a rapela Morena.


Jaanong e rile kgosi ya Egepeto e begelwa gore morafe oo o tshabile, Farao le batlhanka ba gagwe ba tlhanoga, ba galefela morafe oo ba re: “Kana re dirileng, fa re lesitse Baiseraele ba tsamaya, mme ba tlogela go re direla.”


Mme Moše a kopa bopelotlhomogi mo Moreneng, Modimo wa gagwe, a re: “Morena, morafe wa gago o ò o ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto ka thata e kgolo le ka letsogo le le tiileng, bogale jwa gago bo tla o tukelelang?


Farao a fetola a re: “Morena ke mang yo ke tshwanetseng go mo utlwa, ka naya Baiseraele tsela? Ga ke itse Morena, le gona ga nka ke ka lesa Baiseraele go tsamaya.”


Ya re Farao o bona fa a imologile, a boela a thatafatsa pelo ya gagwe gape, a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse pele.


Moše a re: “E tla re ke sena go go tlogela, ke rapele Morena gore diboba di tloge mo go Farao le mo batlhankeng ba gagwe le mo morafeng wa gagwe kamoso. Fela Farao a se ka a boelela tsa go fora, a gana go lesa morafe go ya go direla Morena ditlhabelo.”


Mme le ka sebaka seo Farao a thatafatsa pelo ya gagwe gape, a se ka a naya morafe tsela.


Moše a fetola Farao o re: “A tlotlo e nne ya gago! A ko o mpolelele nako ya go rapelela wena le batlhanka ba gago le morafe wa gago gore digwagwa di nyelediwe leng, di tlosiwe leng mo go wena le mo malapeng a gago, di nne mo nokeng fela?”


Ke fa Farao a roma, a bitsa Moše le Arone, a ba raya a re: “Jaanong ke leofile. Morena o siame, mme nna le morafe wa me ga re a siama.


Nthapeleleng Morena. Ditumo tsa maru tsa Modimo le sefako le magadima di feta tekanyo. Ke tla lo lesa gore lo tsamae; ga nke ke tlhola ke lo dia.”


Jaanong ya re Moše a sena go tlogela Farao le go tswa mo motseng, a tsholeletsa mabogo kwa Moreneng, a rapela; mme ditumo tsa maru le sefako tsa khutla, pula e sa tlhole e tshologela mo lefatsheng.


Jaanong batho ba ya kwa go Moše ba re: “Re leofile, gonne re ngongoregetse Morena le wena. Rapela Morena gore a tlose dinoga mo go rona.” Moše a ba a rapelela morafe.


Simone a araba a re: “Nthapeleleng Morena e le lona gore ke se ka ka welwa ke sepe sa dilo tse lo di buileng.”


Morafe otlhe wa raya Samuele wa re: “Rapelela batlhanka ba gago mo Moreneng, Modimo wa gago, gore re se ka ra swa. Gonne re okeditse maleo otlhe a rona ka bosula jwa go ikopela kgosi.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan