Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 8:4 - Setswana 1970

4 Digwagwa di tla tlolela mo go wena le mo bathong ba gago le mo batlhankeng ba gago.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi liguagua li tla tla go uena, le bathu ba gago, le batlañka ba gago botle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Digwagwa di tlaa tlhatlogela mo go wena le mo bathong ba gago, le mo batlhankeng ba gago botlhe fela.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 8:4
13 Iomraidhean Croise  

Ke fa kgosi e simolola go bua, e raya monna wa Modimo e re: “A ko o kope bopelotlhomogi mo sefatlhegong sa Morena, Modimo wa gago, o nthapelele gore letsogo la me le boele go nna.” Monna wa Modimo a kopa bopelotlhomogi mo sefatlhegong sa Morena. Mme letsogo la kgosi la boela kwa go yona, la nna jaaka pele.


Yo o goromeletsang nyatsego mo batlotleging, a ba kgarakgatsha sekakeng mo go se nang tsela;


Mme jaanong a ko lo itshwarele boleo jwa me gangwe fela e le la bofelo, lo rapele Morena Modimo wa lona gore a tlose loso loo mo go nna.”


Morena a dira jalo. Diboba tsa tla ka bontsi mo ntlong ya ga Farao le mo matlong a batlhanka ba gagwe le mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. Lefatshe la tlhokofadiwa ke diboba.


Noka e tla nyeula digwagwa, di tla tlhatloga, di tsena mo ntlong ya gago le mo ntlwaneng ya borobalo ya gago le mo bolaong jwa gago le mo matlong a batlhanka le a morafe wa gago le mo dipesetsong tsa gago le mo megopong ya gago ya bodubelo.


Jaanong Morena a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Otlolola letsogo o tshwere thobane ya gago godimo ga dinoka le dinokana le matsha, o tlhatlosetse digwagwa mo lefatsheng la Egepeto.’ ”


Nthapeleleng Morena. Ditumo tsa maru tsa Modimo le sefako le magadima di feta tekanyo. Ke tla lo lesa gore lo tsamae; ga nke ke tlhola ke lo dia.”


Dikgosana tsa Soane ke masilo fela. Bagakolodi ba ga Farao ba ba tlhalefileng ke lekgotla la dieleele fela. Lo ka bua jang le Farao lo a re: “Ke nna morwa matlhale? Ke nna morwa dikgosi tsa bogologolo?”


Mme Morena o tla betsa Baegepeto, a ba betsa, a ba a ba fodisa. Ba tla sokologela kwa Moreneng, mme ene o tla utlwa dithapelo tsa bone, a ba fodise.


Morena wa masomosomo o di ikaeletse gore a itshepolole boikgodiso jwa bontle jotlhe, a tlotlolole batlotlegi botlhe ba lefatshe.


“Jaanong nna Nebukatenesare ke tumisa Kgosi ya legodimo, ke a e godisa, ke a e tlotla ka re: Tiro tsotlhe tsa yona ke tsa mannete, ditsela tsa yona di siame; ba ba sepelang ka boikgodiso, o itse go ba kokobetsa.”


Jaanong batho ba ya kwa go Moše ba re: “Re leofile, gonne re ngongoregetse Morena le wena. Rapela Morena gore a tlose dinoga mo go rona.” Moše a ba a rapelela morafe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan