Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 8:3 - Setswana 1970

3 Noka e tla nyeula digwagwa, di tla tlhatloga, di tsena mo ntlong ya gago le mo ntlwaneng ya borobalo ya gago le mo bolaong jwa gago le mo matlong a batlhanka le a morafe wa gago le mo dipesetsong tsa gago le mo megopong ya gago ya bodubelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi noka e tla nyeula liguagua, tse ri tla coañ, li tsena mo tluñ ea gago, le mo tluñ ea gago ea borobalo, le mo bolaoñ yoa gago, le mo matluñ a batlañka benu, le ea bathu ba gago, le mo matluñ a gago a peseco, le mo megopuñ ea gago ea borubelo:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Noka e tlaa nyeula digwagwa, tse di tlaa tlhatlogang di tsena mo ntlong ya gago, le mo borobalong jwa gago, le mo bolaong jwa gago, le mo ntlong ya batlhanka ba gago, le mo bathong ba gago, le mo dipesetsong tsa gago, le mo megopong ya gago ya bodubelo:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 8:3
8 Iomraidhean Croise  

Fela Jošabathe morwadia kgosi Jorame a tsaya Joase morwa Ahasia, a mo utswa mo gare ga bana ba kgosi ba ba tla bolawang, a mo tsenya le mmelegi wa gagwe mo ntlwaneng ya malao. Jošabathe morwadia kgosi Jorame mosadi wa ga Joyata moperesiti, – kana ene e ne e le kgaitsadia Ahasia – a mo subela Athalea jalo, mo a bileng a palelwa ke go mmolaya.


Lefatshe la bone la ba la tlalatlala digwagwa, le mo matlwaneng a dikgosi tsa bone.


E tla tlala mo matlong a gago le mo matlong a batlhanka botlhe ba gago le mo matlong a Baegepeto botlhe; e le tsie e borraago le borraago-mogolo ba iseng ba ke ba e bone, fa e sale ba nna mo lefatsheng go fitlha letsatsing la kajeno.’ ” Ke fa a retologa, a tswa, a tlogela Farao.


Baiseraele ba tsaya bupe jo bo dubilweng jo bo iseng bo bedisiwe, bo le mo megopong e e dubelang, ba e sikara mo magetleng, e phuthetswe ka dikobo tsa bone.


Jaanong Farao a bitsa batlhalefi le baitseanape, mme dingaka tsa Egepeto le tsona tsa dira jalo ka mereo ya tsona.


Digwagwa di tla tlosiwa jalo mo go wena le mo malapeng a gago le mo batlhankeng ba gago le mo morafeng wa gago, di nna mo nokeng fela.”


Mme fa o gana go ba lesa, ke tla watlhaya naga yotlhe ya gago ka digwagwa.


Digwagwa di tla tlolela mo go wena le mo bathong ba gago le mo batlhankeng ba gago.’ ”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan