Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 8:16 - Setswana 1970

16 Jaanong Morena a bua le Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Tsholetsa thobane ya gago, o itee lerole la lefatshe gore le fetoge menang mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Raea Arone, Otlolola tsama ea gago, mi daea lorole loa lehatsi, gore lo ne linta mo hatsiñ yeotle ya Egepeto.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Jehofa a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Otlolola thobane ya gago, o iteye lorole lwa lefatshe gore lo nne dinta mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 8:16
7 Iomraidhean Croise  

A laela, mme ga tla diboba le menang mo nageng yotlhe ya bone.


Mme ke go laola ke re: Naya morwaake tsela gore a ye go ntirela, mme fa o ka gana go mo lesa a tsamae, ke tla bolaya morwao wa ntlha.’ ”


Morago ga moo Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba mo raya ba re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Lesa morafe wa me o ye go ntirela moletlo mo sekakeng!’ ”


Ya re Farao o bona fa a imologile, a boela a thatafatsa pelo ya gagwe gape, a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse pele.


Ba dira jalo; Arone a tsholetsa letsogo a tshwere thobane ya gagwe, a itaya lerole la lefatshe. Ke fa menang e tlela batho le diruiwa. Lerole lotlhe la lefatshe la fetoga menang mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.


Dingaka le tsona tsa leka jalo ka mereo ya tsona gore di dire menang, mme tsa palelwa. Menang ya tlala mo bathong le mo diruiweng.


Jaanong Morena a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Otlolola letsogo o tshwere thobane ya gago godimo ga dinoka le dinokana le matsha, o tlhatlosetse digwagwa mo lefatsheng la Egepeto.’ ”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan