Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 8:11 - Setswana 1970

11 Digwagwa di tla tlosiwa jalo mo go wena le mo malapeng a gago le mo batlhankeng ba gago le mo morafeng wa gago, di nna mo nokeng fela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi liguagua li tla gu tlogela, le matlu a gago, le batlañka ba gago, le bathu ha gago; li tla na mo nokeñ gosi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Digwagwa di tlaa tloga mo go wena le mo mantlong a gago, le mo batlhankeng ba gago, le mo bathong ba gago; di tlaa sala mo nokeng e le yosi fela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 8:11
7 Iomraidhean Croise  

Morena a laela Moše jaana a re: “E re ka o le mo tseleng go boela kwa Egepeto, o tlhokomele gore o dire dikgakgamatso fa pele ga Farao tse ke di tsentseng mo diatleng tsa gago. Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya gagwe, mo a se neng a leseletsa morafe go ka huduga.


Fela pelo ya ga Farao ya thatafala; a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boletse.


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Pelo ya ga Farao ga e ineele; o gana go naya morafe tsela.


Ya re Moše le Arone ba sena go tlogela Farao, Moše a goela kwa Moreneng ka ntlha ya digwagwa tse a di rometseng Farao.


Morena a dira ka fa thapelong ya ga Moše: Digwagwa tsa swela mo matlong le mo malapeng le kwa masimo.


Noka e tla nyeula digwagwa, di tla tlhatloga, di tsena mo ntlong ya gago le mo ntlwaneng ya borobalo ya gago le mo bolaong jwa gago le mo matlong a batlhanka le a morafe wa gago le mo dipesetsong tsa gago le mo megopong ya gago ya bodubelo.


Moše a fetola Farao o re: “A tlotlo e nne ya gago! A ko o mpolelele nako ya go rapelela wena le batlhanka ba gago le morafe wa gago gore digwagwa di nyelediwe leng, di tlosiwe leng mo go wena le mo malapeng a gago, di nne mo nokeng fela?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan