Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 7:9 - Setswana 1970

9 “Fa Farao a bua le lona a re: ‘Itshupeng ka kgakgamatso,’ o ree Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o e latlhele fa pele ga Farao; e tla fetoga noga.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Ere mogañ Faroe o buañ le lona, a re, Lo itihele cupo ea khakhamaco: ereha gona u ka raeañ Arone, Tsaea tsama ea gago, u e latlele ha pele ga Faroe, mi e tla hetoga noga.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 “E re fa Faro a bua le lona a re lo itshupe ka kgakgamatso; foo o reye Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o e latlhele fa pele ga Faro, gore e fetoge noga.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 7:9
15 Iomraidhean Croise  

Moše a tsholeletsa lefatshe la Egepeto thobane ya gagwe; ke fa Morena a fokisa phefo ya botlhabatsatsi mo lefatsheng ka letsatsi leo le bosigo jotlhe. Ya re bo sa, phefo ya botlhabatsatsi ya tlisa tsie.


Mme thobane eo e o tla dirang ditshupo ka yona, o e tshole ka letsogo.”


Morena a mo raya a re: “Ke eng se o se tshotseng ka letsogo?” A re: “Ke thobane.”


Ke fa Moše a tsaya mosadi wa gagwe le bomorwawe, a ba palamisa diesele, a boela kwa lefatsheng la Egepeto. Moše a bo a tshotse thobane ya Modimo ka letsogo.


Morena a re: “E latlhele fa fatshe!” A e latlhela fa fatshe, ya fetoga noga. Moše a ba a tshaba.


Jaanong Morena a bua le Moše le Arone a re:


Moše a tsholeletsa thobane ya gagwe kwa godimo; mme Morena a dumisa maru, a nesa sefako le ditladi tsa ratha lefatshe. Morena a nesa sefako jalo mo lefatsheng la Egepeto.


“Ikopele sesupo mo go Morena, Modimo wa gago, le fa e le se se tswang kwa tlase felong ga baswi, gongwe se se tswang kwa godimo bogodimong.”


Bua ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bona, ke tla lwa nao, wena Farao, kgosi ya Egepeto, wena kwena e kgolo e e bothang mo gare ga dinoka tsa yona, e e reng: Noka ya me ke ya ka. Nna ke e itiretse.


A ba fetola a re: “Morafe o o bosula wa boaka o batla sesupo; ga o kitla o newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa ga Jona moporofeti;


Mme fa ke di dira, dumelang ditiro, le fa nna lo sa ntumele, gore lo lemoge le go itse gore Rara o mo go nna, le nna ke mo go Rara.”


Ke fa Bajuta ba mmotsa ba re: “O ka re bontsha sesupo sefe gore ò ka dira dilo tseo?”


Ba mo raya ba re: “Kana o dira sesupo sefe gore re bone, re go dumele? O itshupa ka tiro efe?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan