Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 7:7 - Setswana 1970

7 E rile ba bua le Farao, Moše a bo a le dinyaga di le 80, mme Arone a le dinyaga di le 83.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi Moshe o la a le nyaga li eite, mi Arone o la a le nyaga li eite‐teri, ka ba bua le Faroe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 E rile ba bua le Faro, Moše a bo a le dinyaga di le 80, mme Arone a bo a le dinyaga di le 83.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 7:7
11 Iomraidhean Croise  

E rile motlhang Josefa a emang fa pele ga Farao, kgosi ya Egepeto, a bo a le dinyaga di le 30. Jaanong Josefa a tloga mo go Farao, a photlaphotla lefatshe lotlhe la Egepeto.


Bophelo jwa rona ke dinyaga di le masome a a supang, mme fa thata e le teng, bo ka nna dinyaga tse di masome a robedi; mme se segolo sa tsona ke tapisego le tshwenyego; gonne bo feta ka bonako, mme re fofela koo.


Jaanong ya re sebaka se seleele se sena go feta, kgosi ya Egepeto ya swa, mme Baiseraele ba fegelwa ka ntlha ya botlhanka, ba lelela thuso; mme selelo sa bone sa tlhatlogela kwa Modimong se tswa mo botlhankeng jwa bone.


Jaanong Morena a bua le Moše le Arone a re:


Ya re Arone a swela kwa thabeng ya Hore a bo a le dinyaga di le 123.


“E rile a le dinyaga di le 40, ga mo tlela mo pelong go lekola ba ga gabo, e bong Baiseraele.


“E rile dinyaga di le 40 di sena go feta, moengele a bonala mo go ene kwa sekakeng sa thaba ya Sinai, a le mo kgabong ya molelo wa setlhare se se mitlwa.


Ke lo tsamaisitse dinyaga di le 40 mo sekakeng; diaparo tsa lona tse lo di apereng ga di a ka tsa onala le ditlhako tsa lona tse lo di rweleng mo dinaong ga di a ka tsa onala.


a ba raya a re: “Kajeno dinyaga tsa me di 120; ga ke tlhole ke kgona go bolola le go goroga, mme Morena o ntheile a re: ‘Ga o kitla o tshela Joretane.’


E rile Moše a swa, a bo a le dinyaga di le 120. Leitlho la gagwe le ne le sa koafala le thata ya gagwe e ne e sa ngotlege.


Ka roma Moše le Arone, ka betsa Baegepeto jaaka ke dirile mo go bone. Morago ga moo ka lo ntsha teng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan