Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 7:5 - Setswana 1970

5 Motlhang ke otlololelang Baegepeto letsogo la me, ke ntsha Baiseraele mo gare ga bone, foo Baegepeto ba tla lemoga gore ke nna Morena.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi Baegepeto ba tla itse ha e le ’na Yehova, mogañ ki otlolelañ Egepeto atla sa me, ki entsa bana ba Yeserele mo go bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Baegepeto ba tlaa itse fa ke le Jehofa, motlhang ke otlololelang Egepeto letsogo la me, ke ntsha bana ba Iseraele mo gare ga bone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 7:5
20 Iomraidhean Croise  

Fa ke tsamaya ke le mo pitlaganong, ke wena yo o mphedisang; kgakalo ya baba ba me o e ntshetsa seatla, mme letsogo le le jang la gago le a nthusa.


Baditšhaba ba wetse mo lemeneng le ba le epileng, dinao tsa bona di tshwerwe ke letloa le ba le thaileng mo sephiring.


Le gona o bolelele bana ba gago le bana ba bana ba gago ka fa ke bonaditseng thata ya me mo go Baegepeto ka teng le ditshupo tsa me tse ke di dirileng mo go bone gore lo tle lo itse, fa e le nna Morena.”


Batlhanka ba ga Farao ba sala ba mo raya ba re: “Monna yo, o tla re isa mo tatlhegong goleele go le kae? Lesa batho bao ba direle Morena, Modimo wa bone! A ga o ise o lemoge gore Egepeto o tla wela mo tatlhegong?”


Mme e tla re fa ke ikgalaletsa ka Farao le ka dikoloi tsa ntwa tsa gagwe le ka bapalami ba tsona, ke gona Baegepeto ba tla lemogang gore ke nna Morena.”


Mme ke tla thatafatsa pelo ya Farao gore a ba latele. Ke tla ikgalaletsa ka Farao le ka mephato yotlhe ya gagwe. Baegepeto ba tla lemoga jalo, fa ke le Morena.” Baiseraele ba dira jalo.


Moše a bolelela mogwagwadiagwe tsotlhe tse Morena o di diretseng Farao le Baegepeto ka ntlha ya Baiseraele le tlalelo yotlhe e e ba wetseng mo tseleng le ka fa Morena a ba namoletseng ka teng.


Mme ke tla otlolola letsogo, ke itaya Egepeto ka dikgakgamatso tsa me tsa mefutafuta tse ke tla di dirang teng. Morago ga moo kgosi e tla lo rebola.


Mme Morena a raya Moše a re: “Jaanong o tla bona se ke tla se direlang Farao. Gonne o tla ba naya tsela, a pateleditswe ke letsogo le le thata. Ee, o tla ba leleka mo lefatsheng la gagwe, a pateleditswe ke letsogo le le thata.”


Ka moo, raya Baiseraele o re: ‘Ke nna Morena, ke tla lo ntsha mono, ke lo rola morwalo wa go direla Baegepeto, ke lo golola mo botlhankeng jwa lona, ke lo pholosa ka letsogo le le otlologileng le ka dipetso tse dikgolo.


Morena o bua jaana a re: Se o tla lemogang ka sona gore ke nna Morena, ke se: Ke tla itaya metsi a noka ka thobane e ke e tshotseng, mme a tla fetoga madi.


Farao a re: “A e nne kamoso!” Moše a re: “Go tla dirafala ka fa o buileng ka teng gore o tle o itse, fa go se na ope yo o tshwanang le Morena, Modimo wa rona.


Ke fa dingaka di raya Farao di re: “Ke tiro ya Modimo.” Mme pelo ya ga Farao ya nna e thatafetse, a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse pele.


Mme ka letsatsi leo ke tla tlhaola lefatshe la Gosene le morafe wa me o agileng mo go lone gore go se ka ga nna diboba teng; ke gona o tla itseng gore ke nna Morena mo lefatsheng lotlhe.


Ke tla ba dirafaletsa dipusoloso tse dikgolo ka dikotlo tse di bogale gore ba tle ba itse fa ke le Morena, mogang ke digelang pusoloso ya me mo go bone.’ ”


o re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bona, ke tla lwa nao, wena Sitone; ke tla ikgalaletsa mo gare ga gago; mme ba tla itse fa ke le Morena, mogang ke dirafatsang kotlo mo go wena; ke itshupa mo go wena ke le boitshepo.


‘E tla re fa ke fetola lefatshe la Egepeto sekaka, fa le senyegetswe ke tsotlhe tse di mo go lone, fa ke bolaya botlhe ba ba agileng mo go lone: Foo ba tla itse gore ke nna Morena.


Ke tla itshepisa leina le legolo la me le le itshepolotsweng mo baheitaneng, le lo le itshepolotseng mo go bone. Baheitane ba tla itse gore ke nna Morena, mogang ke itshupang mo go lona fa pele ga matlho a bone, fa ke le boitshepo.’ Morena Modimo o a re jalo.


Mme Baiseraele ba tla lemoga, fa ke le Morena, Modimo wa bone, go tloga ka letsatsi leo go ya kwa pele.


Leina la me le le boitshepo ke tla le itsise mo morafeng wa me wa Iseraele, ke sa tlhole ke leseletsa leina la me le le boitshepo go itshepololwa. Ditšhaba di tla itse jalo, fa ke le Morena yo o boitshepo mo go Iseraele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan