Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 7:4 - Setswana 1970

4 Farao ga a ka ke a lo utlwa, mme ke tla baya seatla sa me mo Egepeto, ke hudusa mephato ya me, e bong morafe wa me wa Baiseraele, mo lefatsheng la Egepeto ka dipetso tse dikgolo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi Faroe ga a kitla a lo retsa, mi ki tla latsa atla sa me mo go Egepeto ka go entsa lintua tsa me, eboñ bathu ba me mo hatsiñ ya Egepeto, ka tsekisho tse ri kholu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Faro ga a ketla a lo reetsa, mme ke tlaa baya seatla sa me mo Egepeto, ke ntsha masomosomo a me, tšhaba ya me, e bong bana ba Iseraele, mo lefatsheng la Egepeto, ka ditshekiso tse dikgolo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 7:4
28 Iomraidhean Croise  

Morena a ba a raya Moše a re: “Yaa kwa go Farao; gonne ke thatafaditse pelo ya gagwe le dipelo tsa batlhanka ba gagwe gore ke dirafatse ditshupo tsa me tseo mo gare ga bone.


Mme Morena a raya Moše a re: “Farao ga a kitla a lo utlwa, mme e le gore dikgakgamatso tsa me di ntsifale mo lefatsheng la Egepeto.”


Morena o ne a ntsha Baiseraele jalo mo lefatsheng la Egepeto ka thulaganyo ya mephato ya bone ka lone letsatsi leo.


Mme Moše a raya morafe a re: “Gakologelwang letsatsi le lo duleng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka ka lone. Gonne Morena o lo ntshitse mono ka letsogo le le tiileng. Ka moo a go se ka ga jewa tse di bedisitsweng.


A moletlo o e nne sesupo sa lona mo diatleng tsa lona, le segopotso fa gare ga matlho a lona gore molao wa Morena o nne mo melomong ya lona; gonne Morena o lo ntshitse mo Egepeto ka letsogo le le thata.


Moše a bolelela mogwagwadiagwe tsotlhe tse Morena o di diretseng Farao le Baegepeto ka ntlha ya Baiseraele le tlalelo yotlhe e e ba wetseng mo tseleng le ka fa Morena a ba namoletseng ka teng.


Fela ke itse gore kgosi ya Egepeto ga e ka ke ya lo dumelela go tsamaya, fa e sa patelediwe ka thata.


Mme ke tla otlolola letsogo, ke itaya Egepeto ka dikgakgamatso tsa me tsa mefutafuta tse ke tla di dirang teng. Morago ga moo kgosi e tla lo rebola.


Mme Morena a raya Moše a re: “Jaanong o tla bona se ke tla se direlang Farao. Gonne o tla ba naya tsela, a pateleditswe ke letsogo le le thata. Ee, o tla ba leleka mo lefatsheng la gagwe, a pateleditswe ke letsogo le le thata.”


Arone le Moše ke bone ba Morena o ba laetseng a re: “Ntshang Baiseraele mo lefatsheng la Egepeto, ba rulagantswe ka fa mephatong ya bone.”


Ka moo, raya Baiseraele o re: ‘Ke nna Morena, ke tla lo ntsha mono, ke lo rola morwalo wa go direla Baegepeto, ke lo golola mo botlhankeng jwa lona, ke lo pholosa ka letsogo le le otlologileng le ka dipetso tse dikgolo.


Fela pelo ya ga Farao ya thatafala; a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boletse.


o mo ree o re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o nthomile kwano go wena a re: Ke sa le ke go raya ke re: Lesa morafe wa me gore o ye go ntirela mo sekakeng! Mme bona, ga ò ise o utlwe go fitlhelela jaanong.


Ya re Farao o bona fa a imologile, a boela a thatafatsa pelo ya gagwe gape, a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse pele.


Ke fa dingaka di raya Farao di re: “Ke tiro ya Modimo.” Mme pelo ya ga Farao ya nna e thatafetse, a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse pele.


Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao gore a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse Moše.


foo letsogo la Morena le tla itaya diruiwa tsa gago tse di mo nageng, e bong dipitse le diesele le dikammele le dikgomo le dinku ka leroborobo le le setlhogo.


Petso ya dikatlholo e baakanyeditswe basotli le dikotlo di baakanyeditswe metlhana ya masilo.


Ke go tlhologeletswe bosigo ka pelo ya me, ee, ke go batla ka mowa o o mo teng ga me. Gonne fa dipetso tsa gago di tla mo lefatsheng, baagi ba lefatshe ba ka ithuta tshiamo.


Ee, o tlhola a tsholetsa letsogo ka metlha go nkotla gangwe le gape.


Gonne Morena Modimo o bua jaana a re: “Le fa ke romela dikotlo tse nne tsa me tse di botlhoko kwa Jerusalema, e leng tšhaka le tlala le dibata tse di bosula le leroborobo go nyeletsa batho le diruiwa teng,


Ke tla dirafatsa kotlo mo go Bamoabe gore ba tle ba itse fa ke le Morena.”


Ke tla dira Phatherose sekaka, ke tshuba molelo kwa Soane, ke dirafatsa petso kwa Noo.


Ke tla dirafatsa petso jalo kwa Egepeto gore ba tle ba itse fa ke le Morena.’ ”


Ke mang yo o se kitlang a go boifa Morena, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi; merafe yotlhe e tla tla, e obamela fa pele ga gago; ka gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo di senogile.”


Ka utlwa lentswe le le tswang kwa aletareng le re: “Ee, Morena, Modimo, Mothatayotlhe, dikatlholo tsa gago ke tsa boammaaruri, di siame.”


Ka gonne dikatlholo tsa ona ke tsa boammaaruri, di siame, ka o atlhotse seaka se segolo se se sentseng lefatshe ka boaka jwa sona, o busoloseditse madi a batlhanka ba ona seatleng sa sona.”


Gongwe le gongwe kwa ba neng ba tswela teng seatla sa Morena se ne se lwa nabo go ba direla tse di botlhoko, jaaka Morena a ne a boletse le jaaka Morena a ne a ba ikanetse. Mme e ne ya re fa ba le mo tlalelong e kgolo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan