Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 7:11 - Setswana 1970

11 Jaanong Farao a bitsa batlhalefi le baitseanape, mme dingaka tsa Egepeto le tsona tsa dira jalo ka mereo ya tsona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Ereha gone Faroe le ena o bitsañ matlale, le baloi: mi liñaka tsa Seegepeto le cona tsa riha hela yalo ka mereo ea cona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Foo Faro le ene a bitsa matlhale le baloi; le bone ba dira fela jalo ka mereo ya bone, e le bone dingaka tsa Egepeto.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 7:11
25 Iomraidhean Croise  

Ya re mo mosong mowa wa gagwe wa bo o huduegile, mme a roma go bitsa baitseanape botlhe ba Egepeto le batlhalefi botlhe ba teng, a ba bolelela toro ya gagwe, mme ga bo go se ope yo o ka e tlhalosetsang Farao.


Mongwe le mongwe a latlhela thobane ya gagwe fa fatshe, tsa fetoga dinoga, mme thobane ya ga Arone ya metsa dithobane tsa bone.


Dingaka tsa Egepeto le tsona tsa dira fela jalo ka mereo ya tsona. Mme pelo ya ga Farao ya nna ya thatafala, a se ka a ba utlwa, jaaka Morena a boletse.


Dingaka le tsona tsa leka jalo ka mereo ya tsona gore di dire menang, mme tsa palelwa. Menang ya tlala mo bathong le mo diruiweng.


Noka e tla nyeula digwagwa, di tla tlhatloga, di tsena mo ntlong ya gago le mo ntlwaneng ya borobalo ya gago le mo bolaong jwa gago le mo matlong a batlhanka le a morafe wa gago le mo dipesetsong tsa gago le mo megopong ya gago ya bodubelo.


Mme dingaka le tsona tsa dira jalo ka mereo ya tsona, tsa tlhatlosetsa digwagwa mo lefatsheng la Egepeto.


Kgosi ya laela gore go bidiwe batlhalefi le baitseanape le dingaka le Bakalatea gore ba itsise kgosi ditoro tsa yona. Ba tla, ba ema fa pele ga kgosi.


Daniele a simolola go bua fa pele ga kgosi a re: “Sephiri se kgosi e se batlang, batlhalefi le baitseanape le barutegi le balepi ba dinaledi ga ba kgone go se bolelela kgosi.


Ka laola gore batlhalefi botlhe ba Babele ba tlisiwe fa pele ga me, ba tle go nkitsise tlhaloso ya toro.


Go na le monna mo pusong ya gago yo o nang le mowa wa medimo e e boitshepo. Mo metlheng ya ga rraago ga fitlhelwa lesedi le temogo le botlhale jo bo tshwanang le botlhale jwa medimo mo go ene, mme rraago, kgosi Nebukatenesare, o ne a mo dirile mookamedi wa batlhalefi le baitseanape le Bakalatea le balepi ba dinaledi – rraago, wena kgosi –


Kgosi ya kuela godimo ya re: “A go tlisiwe baitseanape le Bakalatea le balepi ba dinaledi!” Jaanong kgosi ya bua, ya raya batlhalefi ba Babele ya re: “Le fa e le mangmang yo o ka buisang lokwalo lole, a mpolelela tlhaloso ya lone, o tla apesiwa ka masela a mantle a mahibidu, a kgabisiwa ka keetane ya gouta mo molaleng wa gagwe; o tla nna molaodi wa boraro mo bogosing.”


gonne go tla tsoga bokeresete ba kako le baporofeti ba kako; ba tla dira ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso gore fa go ka kgonega ba timetse le batlhaolwi.


Bagalatia ba lo se nang tlhaloganyo! Lo loilwe ke mang go se utlwe boammaaruri, lona ba Jesu Keresete o lo tshwantsheditsweng jaaka e kete o bapotswe fa pele ga matlho a lona?


gore re se tlhole re nna jaaka bana, re kgokgwediwa jaaka makhubu le go dikolosiwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka tsietso ya batho ka fa boferefereng jwa go re logela maano a timetso,


ene yoo go tla ga gagwe go leng ka fa tirong ya ga Satane ka thata ya mefutafuta le ka ditshupo le dikgakgamatso tsa maaka


Banna bao ba ganetsa boammaaruri, jaaka Janese le Jambrese ba kile ba ganetsa Moše. Ke batho ba ba senyegileng maikutlo, mo ba sa tlholeng ba ka dumela.


Mme ga ba kitla ba tswelela pele ka boleele; gonne bosilo jwa bone bo tla itsege mo go botlhe, fela jaaka jwa bale bo senogile.


Mme sebata sa tshwarwa mmogo le moporofeti wa maaka yo o dirileng ditshupo fa pele ga sona, tse o timeditseng ba ba amogetseng lotshwao lwa sebata ka tsona, ba obamela setshwantsho sa sona; ka bobedi jwa bona ba latlhelwa mo letsheng la molelo le le tukang molelo wa sebabole, ba ntse ba phela.


Jaanong Bafelesita ba bitsa baperesiti le baitseanape ba re: “Re ka dirang ka Letlole la Morena? Re akanyetseng gore re ka le romela jang kwa felong ga lone?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan