Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 7:10 - Setswana 1970

10 Ke fa Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba dira ka fa Morena a ba laetseng ka teng; Arone a latlhela thobane ya gagwe fa pele ga Farao le fa pele ga batlhanka ba gagwe, ya fetoga noga.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 ¶ Mi Moshe le Arone ba ea go Faroe, mi ba riha yalo yaka Yehova a ba laoletse: mi Arone a latlela tsama ea gague ha pele ga Faroe, le ha pele ga batlañka ba gague, mi ea hetoga noga.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Moše le Arone ba tsena kwa go Faro ba dira jaaka Jehofa a ne a laotse; Arone a latlhela thobane ya gagwe fa pele ga Faro le fa pele ga batlhanka ba gagwe, mme ya fetoga noga.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 7:10
10 Iomraidhean Croise  

a go romela ditshupo le dikgakgamatso, wena Egepeto, a betsa Farao le batlhanka botlhe ba gagwe.


Baiseraele ba ya ba dira jalo; ba dira ka fa Morena a laetseng Moše le Arone ka teng.


Morena a re: “E latlhele fa fatshe!” A e latlhela fa fatshe, ya fetoga noga. Moše a ba a tshaba.


Yaa kwa go Farao ka masa – bona, o tla ya kwa nokeng – o eme fa losing lwa noka ya Nile go mo kgatlhantsha gona, o tsee thobane e e fetogileng noga ka letsogo,


Moše le Arone ba dira ka fa Morena a laotseng ka teng: A tsholetsa thobane, a itaya metsi a a mo nokeng ya Nile, Farao le batlhanka ba gagwe ba ntse ba lebile. Ke fa metsi aotlhe a a mo nokeng ya Nile a fetoga madi.


Moše le Arone ba dira ka fa Morena a ba laetseng ka teng. Ba dira fela jalo.


“Fa Farao a bua le lona a re: ‘Itshupeng ka kgakgamatso,’ o ree Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o e latlhele fa pele ga Farao; e tla fetoga noga.’ ”


Le fa ba ka iphitlha mo setlhoeng sa Karemele, ke tla ba tsaya ka motlhala, ke ya go ba tshwara; le fa ba ka itshuba fa pele ga matlho a me kwa tlase ga lewatle, ke tla laola noga gona gore e ba lome.


Ba tla tsholetsa dinoga; mme le fa ba ka nwa se se bolayang, ga se nke se ba dira sepe. Ba tla baya balwetse diatla, mme ba tla fola.”


Bonang, ke lo neile thata ya go gata dinoga le diphepheng le ya go fenya nonofo yotlhe ya mmaba; ga go sepe se se ka lo direlang bosula ka gope.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan