Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 6:3 - Setswana 1970

3 Ke iponaditse mo go Aborahame le mo go Isaka le mo go Jakobe ke le Modimo Mothatayotlhe, mme ga ke a ka ka ikitsise mo go bone ka leina la me la Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Ki le ka iponatsa go Aberahame, le Yitsake, le Yakobe, ka leina ya Morimo Mothatietle, mi ki le ki sa itsege go bona ka leina ya me ya Yehova.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ke kile ka bonalela Aberahame, le Isake, le Jakobe, ke le Modimo Mothatayotlhe, mme ka leina la me la JEHOFA ka bo ke sa itsiwe mo go bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 6:3
23 Iomraidhean Croise  

Ke fa Aborame a huduga ka ditente tsa gagwe, a ya a na fa ditlhareng tsa metherebinthe tsa ga Mamere tse di kwa Heberone, a agela Morena aletare gona.


E rile Aborame a le dinyaga di le 99, Morena a iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Ke nna Modimo Rra-thata-yotlhe! Sepela fa pele ga me, foo o nne mosiami.


Aborahame a taya felo foo leina a re: “Morena-o-bonye”; ke ka moo ba sa ntseng ba bua ba re: “Mo thabeng ya Morena-o-bonye.”


A Modimo, Rra-thata-yotlhe, o go tshegofatse, o go atise, o go ntsifatse gore o nne masomo a merafe.


Modimo wa ba wa mo raya wa re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe. “Ata o ntsifale! Go tla tswa setšhaba le bontsi jwa ditšhaba mo go wena. Le dikgosi di tla tswa mo go wena.


Jakobe a raya Josefa a re: “Modimo Mothatayotlhe o kile wa iponatsa mo go nna kwa Luse mo lefatsheng la Kanana, wa ntshegofatsa,


Mme basiami ba itumele, ba duduetse fa pele ga Modimo, ba itumele ka boipelo.


A ba tlhajwe ke ditlhong, ba boife ka go sa feleng. A ba setlhafale ka ditlhong, ba latlhege


Morena ke mogale tlhabanong; leina la gagwe ke Morena.


Itiseng mo go ene, lo utlwe lentswe la gagwe; se mo ganetseng, gonne o ka gana go itshwarela ditlolo tsa lona; kana nna ka nosi ke iponatsa ka ene.


Modimo wa raya Moše wa re: “Ke nna yo ke leng ene!” Wa ba wa re: “Raya Baiseraele jaana o re: ‘Ene ke-nna o nthomile kwano go lona.’ ”


“Ke nna Morena, ke lone leina la me! Mme kgalalelo ya me ga nkitla ke e naya ope o sele, le e seng go naya medimo ya diseto tlotlo ya me.


Morena, Kgosi ya Iseraele, Mogolodi wa gagwe, Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Ke nna wa ntlha, le gona ke nna wa bofelo. Ga go na modimo ope kwa ntle ga me.


“Ka moo, bonang, ka sebaka seo ke tla ba itsise letsogo la me; ke ba lemosa thata ya me. Ba tla itse gore leina la me ke Morena.


“Morena yo o dirileng lefatshe, yo o le bopileng gore a le tlhomamise, yo leina la gagwe e leng Morena, o bua jaana a re:


o ba ree o re: Morena Modimo o bua jaana o a re: E rile ka letsatsi le ke tlhophileng Iseraele ka lone, ka ikanela losika lwa lelapa la ga Jakobe, ka ba ikitsise kwa lefatsheng la Egepeto, ka ba tsholeletsa seatla ka re: Ke nna Morena, Modimo wa lona!


Lo tla lemoga, fa ke le Morena, mogang ke bulang diphupu tsa lona, ke lo ntsha mo diphupung tsa lona, lona batho ba me.


Ke tla baya mesifa mo go lona, ke tlhogisa nama mo go lona, ke lo apesa letlalo, ke tsenya mowa mo go lona gore lo tle lo phele, lo be lo itse gore ke nna Morena.’ ”


Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Pele Aborahame a ise a tsalwe, nna ke ntse ke le teng.”


Ke nna Johane, ke kwalela diphuthego tse supa tse di mo Asia: A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go yo o leng teng, e bile o ne a le teng, e bile ke yo o tla tlang, le mo Meweng e supa, e e fa pele ga sedulo sa gagwe sa bogosi,


Mme a ba raya a re: “Se mpitseng Naomi . Mpitseng Mara . Gonne Mong-wa-thata-yotlhe o ntiretse tse di galakang thata.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan