Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 6:2 - Setswana 1970

2 Modimo wa bua gape le Moše, wa mo raya wa re: “Ke nna Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi Morimo oa bua le Moshe, mi oa mo raea, Ki Yehova;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Modimo wa bua le Moše wa mo raya wa re: “Ke nna JEHOFA.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 6:2
19 Iomraidhean Croise  

A ba a mo raya a re: “Ke nna Morena ke go ntshitseng kwa Ure wa Kalatea go tla go go naya lefatshe le, go le rua.”


“Gonne ke tla photlaphotla lefatshe la Egepeto bosigo joo, ke bolaya maitibolo otlhe a batho le a diruiwa mo lefatsheng la Egepeto. Ke tla dirafatsa katlholo le petso jalo mo medimong yotlhe ya Egepeto, nna Morena.


Mme e tla re fa ke ikgalaletsa ka Farao le ka dikoloi tsa ntwa tsa gagwe le ka bapalami ba tsona, ke gona Baegepeto ba tla lemogang gore ke nna Morena.”


Morena ke mogale tlhabanong; leina la gagwe ke Morena.


Jaanong morafe otlhe wa Baiseraele wa tloga kwa sekakeng sa Sine, wa tsamaya o thibelela ka fa taolong ya Morena go ya go fitlha kwa Rafidime. Ba feta ba tlhoka metsi a a nowang.


“Ke nna Morena Modimo wa gago yo ke go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka.


Modimo wa raya Moše wa re: “Ke nna yo ke leng ene!” Wa ba wa re: “Raya Baiseraele jaana o re: ‘Ene ke-nna o nthomile kwano go lona.’ ”


Modimo wa bua gape le Moše wa re: “O ree Baiseraele jaana o re: ‘Morena Modimo wa borraeno, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, ke ona o o nthomileng kwano go lona.’ Ke lone leina la me ka bosakhutleng, ke lone le ke bidiwang ka lone ke ditshika tsotlhe.


Morena a raya Moše a re: “Ke nna Morena. Bolelela Farao, kgosi ya Egepeto, dilo tsotlhe tse ke tla di buang nao.”


Ka moo, raya Baiseraele o re: ‘Ke nna Morena, ke tla lo ntsha mono, ke lo rola morwalo wa go direla Baegepeto, ke lo golola mo botlhankeng jwa lona, ke lo pholosa ka letsogo le le otlologileng le ka dipetso tse dikgolo.


“ ‘Ke tla lo fitlhisa kwa lefatsheng lele le ke le tsholeleditseng letsogo ka ikano gore ke tla le naya Aborahame le Isaka le Jakobe. Ruri, nna Morena, ke tla le lo naya go nna boswa.’ ”


“Ke nna Morena, ke lone leina la me! Mme kgalalelo ya me ga nkitla ke e naya ope o sele, le e seng go naya medimo ya diseto tlotlo ya me.


“Ke nna, ke nna Morena! Ga go na mopholosi ope kwa ntle ga me.


Ke nna Morena, Moitshepi wa lona, yo o tlhodileng Iseraele, ke Kgosi ya lona.”


Morena, Kgosi ya Iseraele, Mogolodi wa gagwe, Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Ke nna wa ntlha, le gona ke nna wa bofelo. Ga go na modimo ope kwa ntle ga me.


Mme yo o ratang go itumisa a a itumise ka go tlhalefela go nkitse, fa e le nna Morena yo o dirafatsang bopelotlhomogi le katlholo le tshiamo mo lefatsheng; gonne ke kgatlhwa ke dilo tseo.” Morena o buile jalo.


o ba ree o re: Morena Modimo o bua jaana o a re: E rile ka letsatsi le ke tlhophileng Iseraele ka lone, ka ikanela losika lwa lelapa la ga Jakobe, ka ba ikitsise kwa lefatsheng la Egepeto, ka ba tsholeletsa seatla ka re: Ke nna Morena, Modimo wa lona!


“Gonne nna Morena ga ke a fetoga; mme lona lo ntse lo le bomorwa Jakobe fela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan