Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 6:1 - Setswana 1970

1 Mme Morena a raya Moše a re: “Jaanong o tla bona se ke tla se direlang Farao. Gonne o tla ba naya tsela, a pateleditswe ke letsogo le le thata. Ee, o tla ba leleka mo lefatsheng la gagwe, a pateleditswe ke letsogo le le thata.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 EAREHA gona Yehova o raeañ Moshe, Yana u tla bona se ki tla se rihelañ Faroe: gone o tla ba lesa go ea ka atla se se thata, mi o tla ba leleka mo hatsiñ ya gague ka atla se se thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Mme Jehofa a raya Moše a re: “Jaanong o tlaa bona se ke tlaa se direlang Faro; gonne o tlaa ba lesa ka letsogo le le thata ba tsamaya, o tlaa ba leleka mo lefatsheng la gagwe ka letsogo le le thata.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 6:1
27 Iomraidhean Croise  

Ke fa molaodi wa batlhabani a ne a fetotse monna wa Modimo a re: “Bona, le fa Morena a dira maroba kwa legodimong, a go ka dirafala jalo?” Mme Elisa o ne a arabile a re: “Bona, o tla bona ka matlho a gago, mme ga o ne o ja dijo tsa teng.”


Mme molaodi wa batlhabani yo kgosi e neng e ikaega ka letsogo la gagwe a fetola monna wa Modimo a re: “Bona, le fa Morena a dira maroba kwa legodimong, a go ka dirafala jalo?” Mme Elisa a re: “Bona, o tla bona ka matlho a gago, mme ga o ne o ja dijo tsa teng.”


Ga go batlege gore lo tlhabane. Emang fela lo lebelele; lo tla bona pholoso e Morena o tla e lo direlang, lona ba Juta le Jerusalema. Lo se ka lwa boifa le e seng go tshoga. Bololang kamoso, lo ba kgatlhantshe, mme Morena o tla nna le lona.’ ”


bona ba ba reng: “Re thata ka diteme tsa rona, re na le melomo ya rona; mmusi yo o re laolang ke mang?”


Mme Morena a re: “Jaanong ke tla tsogela pogiso ya batlalelwi le phegelo ya batlhoki, ke thusa ene yo o lelelang thuso.”


ka seatla se se thata le ka letsogo le le otlologileng; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.


Bokone le borwa o di tlhodile; Thabore le Heremone di dudueletsa leina la gago.


Jaanong Morena a raya Moše a re: “Ke tla tlisa petso e nngwe gape e ke tla watlhayang Farao le Baegepeto ka yona; morago ga moo o tla lo naya tsela gore lo tloge mono; e bile o tla lo leleka ka thata mogang a lo lesang go huduga gotlhe.


Mme a bitsa Moše le Arone bosigo, a ba raya a re: “Nanogang lo tswe mo morafeng wa me, lona le Baiseraele. Yaang lo direle Morena jaaka lo kopile.


Mme Baegepeto ba potlakisa morafe gore ba o ntshe mo lefatsheng ka pele; gonne ba re: “Re ka swa rotlhe.”


Jaanong ba besa dinkgwe tse di sa bedisiwang ka bupe jole jo bo dubilweng jo ba duleng najo kwa Egepeto; gonne bo ne bo sa bedisiwa, ka ba lelekwa mo Egepeto, ba sa kgone go diega. Le gona ba ne ba sa itirela mefago.


Jaanong e re fa bomorwaa-lona ba lo botsa ka moso ba re: ‘Ke go reng?’ lo ba ree lo re: ‘Morena o re ntshitse ka letsogo le le tiileng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka.


A mokgwa o e nne sesupo mo diatleng tsa lona le letshwao fa gare ga matlho a lona. Gonne Morena o re ntshitse mo Egepeto ka letsogo le le thata.’ ”


Mme Moše a raya morafe a re: “Gakologelwang letsatsi le lo duleng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka ka lone. Gonne Morena o lo ntshitse mono ka letsogo le le tiileng. Ka moo a go se ka ga jewa tse di bedisitsweng.


A moletlo o e nne sesupo sa lona mo diatleng tsa lona, le segopotso fa gare ga matlho a lona gore molao wa Morena o nne mo melomong ya lona; gonne Morena o lo ntshitse mo Egepeto ka letsogo le le thata.


Mme Moše a raya morafe a re: “Se boifeng, emang lo tiile, lo tle lo bone pholoso ya Morena e o tla e lo direlang kajeno. Gonne Baegepeto ba lo ba bonang kajeno ba, ga lo kitla lo tlhola lo ba bona gape ka bosakhutleng.


Morena, letsogo le le jang la gago le galaleditswe ka thata; Morena, letsogo le le jang la gago le tšhwetlakanya baba.


Farao ga a ka ke a lo utlwa, mme ke tla baya seatla sa me mo Egepeto, ke hudusa mephato ya me, e bong morafe wa me wa Baiseraele, mo lefatsheng la Egepeto ka dipetso tse dikgolo.


Motlhang ke otlololelang Baegepeto letsogo la me, ke ntsha Baiseraele mo gare ga bone, foo Baegepeto ba tla lemoga gore ke nna Morena.”


O kae yo o neng a tsamaisa letsogo le le galalelang la gagwe mo ntlheng ya le le jang la ga Moše, a phatlola metsi fa pele ga bone gore a itirele leina le le sa khutleng?


Mme Morena a raya Moše a re: “A letsogo la Morena le a tlhaela? Jaanong o tla bona, fa lefoko la me le go dirafalela gongwe nnyaya.”


Gonne ga go na botlhodi jo bo ka kgonang Jakobe, ga go na boitseanape jo bo ka senyetsang Iseraele. Ka nako ya teng go tla bolelelwa Jakobe, e bong Iseraele se Modimo o se dirileng.


Modimo wa morafe o wa Iseraele o itlhaoletse borraetsho, wa godisa morafe o le kwa majakong mo lefatsheng la Egepeto, wa ba ntsha teng ka letsogo le le tsholetsegileng.


“ ‘Bonang jaanong gore ke nna tota Modimo ke le nosi, ga go na modimo ope fa e se nna. Ke nna ke bolayang, ke be ke phedise. Ke nna ke remagantseng, ke tla ba ke alafa. Ga go na ope yo o ka pholosang mo seatleng sa me.


Kampo a go na le modimo mongwe o o kileng wa tla go itseela setšhaba mo gare ga setšhaba se sengwe ka diteko le ka ditshupo le ka dikgakgamatso le ka ntwa le ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng le ka ditheregiso tse dikgolo fela jaaka Morena, Modimo wa lona, a lo diretse kwa Egepeto mo matlhong a lona?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan