Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 5:8 - Setswana 1970

8 Mme palo ya diekana e ba e dirileng pele lo e batle mo go bone, lo se ka lwa e fokotsa; gonne bone ke ditshwakga. Ke ka moo ba goang ba re: ‘Re lese re ye re direle Modimo wa rona ditlhabelo!’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi palo ea makote e ba e rihañ ka gale, lo e lope go bona; lo si e okocolole: gone ba boruhetse, ki gona ba bitsañ ba re, Re lese re ee re shupele Morimo oa rona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Palo ya setene e ba ntseng ba e dira gale lo tlaa nna lo e lopa mo go bone fela; lo se ka lwa e ngotla gope; gonne ba bodufetse; ke gone ba goang ba re: ‘Re lese re ye go isetsa Modimo wa rona tlhabelo.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 5:8
6 Iomraidhean Croise  

A ba neela mo diatleng tsa merafe ya baheitane, ba laolwa ke batlhoi ba bona.


Ya baa gona ba ba beelang baokamedi ba ba ba pateletsang tirong, e le go ba bogisa ka ditiro tse di bokete tsa bone. Ba agela Farao metse ya difala tse di bolokang dijo, e bong Phitome le Ramasese.


Mme a fetola a re: “Ditshwakga ke lona, lo metlapa! Ke ka moo lo buang lo re: ‘Re lese re ye re direle Morena ditlhabelo!’


Ke fa baokamedi ba e leng Baiseraele ba iphitlhela ba le mo bothateng ka lefoko le le reng: “Lo se ka lwa fokotsa palo ya diekana tsa lona e e beilweng ya letsatsi le letsatsi.”


“Lo se ka lwa tlhola lo naya morafe lotlhaka lwa go bopa diekana jaaka pele. A ba ye ka bosi, ba ikgobokanyetse lotlhaka.


A tiro e imele banna bao tota gore ba itapise ka yona, mme ba se ka ba tlhokomela mafoko a maaka.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan