Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 5:4 - Setswana 1970

4 Kgosi ya Egepeto ya ba raya ya re: “Lona, Moše le Arone, lo dielang batho mo ditirong tsa bone? Yaang kwa ditirong tsa lona.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi khosi ea Egepeto ea ba raea, Uena Moshe le Arone, lo tlosetsañ bathu tihoñ tsa bona? eañ mebelegoñ ea lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Kgosi ya Egepeto ya ba raya ya re: “Ana lona Moše le Arone lo repisetsang batho mo ditirong tsa bone? Tlogang lo ye kwa merwalong ya lona.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 5:4
8 Iomraidhean Croise  

Ya baa gona ba ba beelang baokamedi ba ba ba pateletsang tirong, e le go ba bogisa ka ditiro tse di bokete tsa bone. Ba agela Farao metse ya difala tse di bolokang dijo, e bong Phitome le Ramasese.


Jaanong ya re Moše a sena go nna monna, a ya kwa go ba ga gabo, a bona ditiro tse di bokete tsa bone; a bona monna wa Moegepeto a itaya monna wa ga gabo wa Mohebere.


Le gona ke utlwile diphegelo tsa Baiseraele ba ba gatelelwang ke Baegepeto ka botlhanka, ka gopola kgolagano ya me.


Dikgosana tseo tsa raya kgosi tsa re: “A a bolawe, monna yoo! Gonne ka go re jalo o repisa diatla tsa batlhabani ba ba setseng mo motseng o, le diatla tsa morafe otlhe ka go bua mafoko a a ntseng jalo nabo. Gonne monna yoo ga se yo o batlelang morafe o kagiso fa e se tatlhego fela.”


Ke fa Amasia, moperesiti wa kwa Bethele a romela kwa go Jerobeame, kgosi ya Iseraele, a re: “Amose o go tsosetsa pheretlhego mo Baiseraeleng. Lefatshe ga le kgone go itshokela mafoko otlhe a gagwe.


Ba simolola go mo latofatsa ba re: “Re bonye yo, a timetsa morafe wa rona, a o iletsa go ntshetsa Kaisara lekgetho, a ipolela, fa e le ene Keresete, kgosi.”


Re fitlhetse monna yo a le botlhole, a feretlha mo Bajuteng botlhe mo lefatsheng lotlhe; e bile ke moeteledi pele wa setlhopha sa maitirelo sa Banasaretha.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan