Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 5:3 - Setswana 1970

3 Bone ba re: “Modimo wa Bahebere o kgatlhanye le rona. Nte re ye kwa sekakeng ka leeto la malatsi a le mararo, re direle Morena, Modimo wa rona, ditlhabelo, e se re gongwe a re wela ka leroborobo gongwe ka tšhaka.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi ba re, Morimo oa Bahebera o re tletse: ki gona re gu rapelañ, u re lese go ea bogareñganaga ka eto loa malatsi a teri, go shupela Yehova Morimo oa rona; gore a si re oele ka pesetelense leha e le ka caka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ba re: “Modimo wa Bahebere o kopanye le rona; re a go rapela, a ko o mme re ye loeto lwa malatsi a le mararo kwa nageng, re ye go isetsa Jehofa Modimo wa rona tlhabelo, e se re gongwe a re wela ka kgogodi le fa e le ka tšhaka.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 5:3
12 Iomraidhean Croise  

Mme e rile ba simolola go nna teng, ba bo ba sa itse Morena; ke fa Morena a romela ditau kwa go bone, tsa nna tsa bolaya bangwe ba bone.


Jaanong he, lo se ka lwa gagamatsa dithamo tsa lona jaaka borraeno, mme ineeleng mo Moreneng, lo tle Felong-fa-go-Boitshepo ga gagwe fa a go itshepisitseng ka bosakhutleng, lo direle Morena, Modimo wa lona, gore bogale jwa gagwe bo khutle go lo tukela.


Tsotlhe tse di batlegang ka fa molaong wa Modimo wa legodimo a di direlwe Ntlo ya Modimo wa legodimo ka tlhoafalo, e se re gongwe bogale jwa wela mo pusong ya kgosi le bomorwaa-yona.


“Ba tla utlwa lentswe la gago; mme wena o ye kwa kgosing ya Egepeto, o na le bagolo ba Baiseraele, lo e ree lo re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o kgatlhanye le rona. Jaanong ge, a ko o re letlelele go ya kwa sekakeng ka leeto la malatsi a le mararo, re ye go direla Morena Modimo wa rona ka ditlhabelo.’


o mo ree o re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o nthomile kwano go wena a re: Ke sa le ke go raya ke re: Lesa morafe wa me gore o ye go ntirela mo sekakeng! Mme bona, ga ò ise o utlwe go fitlhelela jaanong.


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Yaa kwa go Farao, o mo ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela!


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Phakela ka masa, o eme fa pele ga Farao – bona, o tla ya kwa nokeng – o mo ree o re: ‘Morena o sa ntse a bua jalo a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela!


Re lese re ye kwa sekakeng leeto la malatsi a mararo, re direle Morena Modimo wa rona ditlhabelo, jaaka Morena a re laetse.”


Morena Modimo o bua jaana a re: “Ithwale megono, o tibe ka lonao o re: ‘Ijoo!’ Maila a a bosula a Baiseraele a kana kang ne! Ka moo ba tla wa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo.


Ke tla lo romela tšhaka e e busolosetsang kgolagano. Mme le fa lo tshabela kwa metseng ya lona, ke tla lo romela leroborobo, mme lo tla neelwa mo diatleng tsa baba.


Morena o tla go kgomaretsa leroborobo go tsamaya a ba a go fedise mo lefatsheng le o tla tsenang mo go lone gore e nne la gago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan