Ekesodo 5:2 - Setswana 19702 Farao a fetola a re: “Morena ke mang yo ke tshwanetseng go mo utlwa, ka naya Baiseraele tsela? Ga ke itse Morena, le gona ga nka ke ka lesa Baiseraele go tsamaya.” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)2 Mi Faroe a re, Yehova e mañ eo ’nka akelañ koru ea gague go lesa Boyeserela go ea? Ga ki itse Yehova, mi le gona ga ’nkitla ki lesa Boyeserela go ea. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo2 Faro a re: “Jehofa e be e le mang, fa ke ka reetsa lentswe la gagwe ka lesa Baiseraele ba tsamaya? Ga ke itse Jehofa, gape ga nketla ke lesa Baiseraele ba tsamaya.” Faic an caibideil |
Jaanong he, a Hesekia a se lo tsietse le e seng go lo timetsa ka mokgwa o o ntseng jalo, se mo dumeleng; gonne ga go na modimo ope wa setšhaba sepe le wa bogosi bope o o kileng wa kgona go golola morafe wa ona mo diatleng tsa me le mo diatleng tsa borre. Mme Modimo wa lona ona o tla tlhaela bogolo jang go ka lo pholosa mo diatleng tsa me!’ ”
Jaanong he, e re lo utlwa go lediwa dinaka le ditlhaka le mangope le dirankure le dikwadi le diphala le diletso tsotlhe tsa mefutafuta, ka nako ya teng lo khubame, lo obamele setshwantsho se ke se dirileng. Mme fa lo sa se obamele, lo tla latlhelwa ka pele mo teng ga ntlo ya molelo o o tukang. E ka nna modimo ofe o o ka lo pholosang mo seatleng sa me?”