Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 5:1 - Setswana 1970

1 Morago ga moo Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba mo raya ba re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Lesa morafe wa me o ye go ntirela moletlo mo sekakeng!’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI morago ga mouo Moshe le Arone ba ea, ba raea Faroe, Go bua yalo Yehova Morimo oa Yeserele, Lesa bathu ba me ba ee, gore ba ’ntihele moletlo kua bogareñganaga.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Morago ga mo Moše le Arone ba tla ba raya Faro ba re: “Jehofa, Modimo wa Iseraele o bua jaana wa re: ‘Lesa batho ba me ba tsamaye ba ye go ntirela modiro kwa nageng.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 5:1
26 Iomraidhean Croise  

Ahabe a fetola Elia a re: “A o ntshwere, mmaba wa me?” Elia a re: “Ke go tshwere, ka o ineetse go dira tse di bosula mo matlhong a Morena.


Ke tla bua ka ga ditshupo tsa gago fa pele ga dikgosi, ke sa tlhajwe ke ditlhong.


Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba mo raya ba re: “Morena, Modimo wa Bahebere, o bua jaana a re: ‘O tla gana goleele go le kae go ikokobetsa fa pele ga me? Lesa morafe wa me, o ye go ntirela!


Gonne fa o gana go naya morafe wa me tsela, ke tla tlisa tsie mo nageng ya gago kamoso.


Moše a araba a re: “Re tla tsamaya le bana ba rona le batsofe ba rona, re tsamaya le bomorwaa-rona le bomorwadia-rona, re na le matsomane a rona le metlhape ya rona; gonne ke moletlo wa Morena mo go rona.”


“Ba tla utlwa lentswe la gago; mme wena o ye kwa kgosing ya Egepeto, o na le bagolo ba Baiseraele, lo e ree lo re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o kgatlhanye le rona. Jaanong ge, a ko o re letlelele go ya kwa sekakeng ka leeto la malatsi a le mararo, re ye go direla Morena Modimo wa rona ka ditlhabelo.’


Jaanong he, fa ruri ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, a ko o nkitsise tsela ya gago gore ke go itse, ke lemoge, fa ke setse ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago. Mme o lebe setšhaba se jaaka morafe wa gago.”


Mme ke go laola ke re: Naya morwaake tsela gore a ye go ntirela, mme fa o ka gana go mo lesa a tsamae, ke tla bolaya morwao wa ntlha.’ ”


“Yaa o bue le Farao, kgosi ya Egepeto, gore a lese Baiseraele ba huduge mo lefatsheng la gagwe.”


Ke bone ba ba buileng le Farao, kgosi ya Egepeto, go hudusa Baiseraele mo Egepeto, e bong Moše le Arone.


o mo ree o re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o nthomile kwano go wena a re: Ke sa le ke go raya ke re: Lesa morafe wa me gore o ye go ntirela mo sekakeng! Mme bona, ga ò ise o utlwe go fitlhelela jaanong.


Wena o mmolelele tsotlhe tse ke di go laelang, mme Arone mogoloo o tla di bua le Farao gore a lese Baiseraele ba huduge mo lefatsheng la gagwe.


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Yaa kwa go Farao, o mo ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela!


Jaanong Morena a bua le Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Tsholetsa thobane ya gago, o itee lerole la lefatshe gore le fetoge menang mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.’ ”


Ba dira jalo; Arone a tsholetsa letsogo a tshwere thobane ya gagwe, a itaya lerole la lefatshe. Ke fa menang e tlela batho le diruiwa. Lerole lotlhe la lefatshe la fetoga menang mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Phakela ka masa, o eme fa pele ga Farao – bona, o tla ya kwa nokeng – o mo ree o re: ‘Morena o sa ntse a bua jalo a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela!


Re lese re ye kwa sekakeng leeto la malatsi a mararo, re direle Morena Modimo wa rona ditlhabelo, jaaka Morena a re laetse.”


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Yaa kwa go Farao, o mo ree o re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o bua jaana a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela!


Gonne fa o sa ntse o gana go ba naya tsela, o ba thibela,


Morena wa masomosomo o tla etleeletsa merafe yotlhe moletlo wa dijo tse di mafura mo thabeng e; moletlo wa weine e e itshekileng, wa tse di mafura tse di tletseng moko, wa weine e e buduleng sentle.


“Wena morwa-motho, se ba boife, se tshabe dipuo tsa bone, le fa ba go tlhaba jaaka ditshetlho le mitlwa, le fa o nna mo gare ga diphepheng; se boife mafoko a bone, se tshoge fa pele ga bone, gonne bone ke losika lwa baitaodi.


Lo tla isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone le mo baheitaneng.


Le gona, lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; mme bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng wa molelo.


Jaanong Morena, ela go bôpa ga bone tlhoko, o nee batlhanka ba gago go bua Lefoko la gago ka bopelokgale jotlhe,


Ka moo, a re direng moletlo ka go sa bedisiwang ga bophepa le boammaaruri, e seng ka matlhabego a bogologolo, le fa e le matlhabego a bosula le bolotsana.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan