Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 4:5 - Setswana 1970

5 “O dire jalo gore ba tle ba dumele, fa Morena Modimo wa borraabo, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, o iponaditse mo go wena.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Gore ba rumele ha u ipontsicoe ki Yehova Morimo oa bo‐rabo, oa ga Aberahame, le Morimo oa ga Yitsake, le Morimo oa ga Yakobe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 “Gore ba dumele fa Jehofa, Modimo wa borraabo, Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe, o go bonaletse.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 4:5
27 Iomraidhean Croise  

Ke fa Morena a iponatsa mo go Aborame a re: “Lefatshe le ke tla le naya ba losika lwa gago.” Jaanong Aborame a agela Morena yo o iponaditseng mo go ene aletare gona.


E rile Aborame a le dinyaga di le 99, Morena a iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Ke nna Modimo Rra-thata-yotlhe! Sepela fa pele ga me, foo o nne mosiami.


Morena a ba a iponatsa mo go ene kwa ditlhareng tsa metherebinthe tsa ga Mamere, a ntse fa mojakong wa tente go le motshegare ka selebalo.


Ke fa Morena a iponatsa mo go ene a re: “Se ye kwa Egepeto! Nna mo lefatsheng le ke tla le go bolelelang.


A bona Morena a eme mo godimo ga sona a re: “Ke nna Morena, Modimo wa ga Aborahame rraago le Isaka. Lefatshe le o robetseng mo go lone ke tla le naya wena le losika lwa gago.


A tshegofatsa Josefa a re: “Modimo o borre Aborahame le Isaka ba sepetseng fa pele ga ona; Modimo o e neng e le Modisa wa me mo bophelong jotlhe jwa me go fitlhelela letsatsing leno;


Jakobe a raya Josefa a re: “Modimo Mothatayotlhe o kile wa iponatsa mo go nna kwa Luse mo lefatsheng la Kanana, wa ntshegofatsa,


Ya re go le nako ya go dira tshupelo ya mantsiboa, moporofeti Elia a atamela a rapela a re: “Morena, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Iseraele, a go itsiwe kajeno gore ke wena Modimo mo Iseraeleng, mme nna ke motlhanka wa gago, le gore ke dirile dilo tsotlhe tseo ka taelo ya gago.


Kamoso ba phakela, ba bololela kwa sekakeng sa Thekoa. Ya re ba bolola, Josafate a ema a re: “Nkutlweng, lona Bajuta le lona baagi ba Jerusalema: Dumelang mo Moreneng, Modimo wa lona, foo lo tla tlhomama; dumelang mafoko a baporofeti ba gagwe, foo lo tla tlhogonolofala.”


Morena a raya Moše a re: “Bona, ke tla tla koo go wena ke le mo lerung le le kimakima gore morafe o nkutlwe ke bua le wena, mme ba go dumele ka bosakhutleng.” Moše a begela Morena mafoko a morafe.


Modimo wa bua gape le Moše wa re: “O ree Baiseraele jaana o re: ‘Morena Modimo wa borraeno, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, ke ona o o nthomileng kwano go lona.’ Ke lone leina la me ka bosakhutleng, ke lone le ke bidiwang ka lone ke ditshika tsotlhe.


Yaa he, o phuthe bagolo ba Baiseraele, o ba ree o re: ‘Morena Modimo wa borraeno o iponaditse mo go nna; Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe wa re: Ruri, ke lo etse tlhoko le tse lo di diretsweng mo Egepeto,


“Ba tla utlwa lentswe la gago; mme wena o ye kwa kgosing ya Egepeto, o na le bagolo ba Baiseraele, lo e ree lo re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o kgatlhanye le rona. Jaanong ge, a ko o re letlelele go ya kwa sekakeng ka leeto la malatsi a le mararo, re ye go direla Morena Modimo wa rona ka ditlhabelo.’


Mme ya re Morena a mmona a atamela go sekaseka, Modimo wa mmitsa o le mo setlhareng seo se se mitlwa wa re: “Moše! Moše!” Mme a re: “Ke fano.”


Wa ba wa re: “Ke nna Modimo wa ga rraago, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe.” Ke fa Moše a ipipa sefatlhego, ka a boifa go leba Modimo.


Moše a fetola a re: “Fa ba sa ntumele, ba sa utlwe lentswe la me, ba re: ‘Morena ga a ka a iponatsa mo go wena, ke tla dirang’?”


Morafe wa dumela. Ya re ba sena go utlwa gore Morena o etse Baiseraele tlhoko, o bonye pogisego ya bone, ba inama, ba obamela Modimo.


Morena a raya Moše a re: “Ntsha letsogo o e tshware ka mogatla.” A ntsha letsogo, a e tshwara, mme ya boa ya nna thobane gape mo letsogong la gagwe.


Tlhogo ya Eferaime ke Samaria, tlhogo ya Samaria ke morwa Remalea. “ ‘Fa lo sa dumele, ga lo ka ke lwa tlhomama.’ ”


Morena o iponaditse mo go nna go tswa kgakala, a nthaya a re: “Ke go ratile ka lorato lo lo sa khutleng; ke ka moo ke go gogetseng kwa go nna ka bopelotlhomogi.


Mme ke itumela ka ntlha ya lona, fa ke ne ke se teng, gore lo tle lo dumele. Fela a re yeng go ene.”


mme ke ntse ke itse gore o nkutlwa ka gale. Ke buile jalo ka ntlha ya batho ba ba ntikanyeditseng gore ba dumele fa o nthomile.”


A ba a raya Thomase a re: “Ntshetsa monwana wa gago kwano, o lebe diatla tsa me; o ntshetse seatla sa gago kwano, o se tsenye mo letlhakoreng la me; o se nne yo o sa dumeleng, mme o nne yo o dumelang.”


Mme tse, di kwadilwe gore lo dumele, fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo, mme ka go dumela lo bone bophelo ka leina la gagwe.


“Nna ke na le tshupo e e fetang ya ga Johane; gonne ditiro tse Rara o di nneetseng go di wetsa, e bong tsona ditiro tse ke di dirang, di supa ka ga me gore Rara o nthomile.


Ene a re: “Banna ba ga etsho le borra, reetsang! Modimo wa kgalalelo o ne wa bonala kwa go rraetsho Aborahame, a le kwa Mesopotamia, a ise a age kwa Harane,


Mme jaanong ba eletsa le le molemo bogolo, e bong la legodimo. Ke ka moo Modimo o sa ba tlhabelweng ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bone; gonne o ba baakanyeditse motse.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan